Ditlhagiswa tsa Thuntshwane

©Marinda Louw

Tsela e e tlwaelegileng go gaisa ya go ja dithuntshwane ke fa di le tala mo disalateng kgotsa di apeilwe ka bôtôrô, oli kgotsa ghee. Dithuntshwane gape di ka omiswa, tsa bolokelwa motemeng, tsa dirwa lorole le go phetolelwa go ditšhipisi le disosô tse di setseng di baakantswe le disopô.

Dithuntshwane tse di omisitsweng di dirwa bometsi gape ka go tsenngwa mo metsing kgotsa mo morông, fa dithuntshwane di le lorole di ka gasagaswa mo dijong tse di jaaka disopô le disosô. Dithuntshwane di ka marineitiwa le go tshelwa motswako wa ditswakwa tse di jaaka mofeine, oli, vinegar, garlic, mere le ditswaki tsa moutlwalo. Sekgomaretsi sa thuntshwane (dithuntshwane tse di sitsweng, oli, manôkô, mere le ditswaki tsa moutlwalo) gantsi se dirisetswa go tshelwa mo godimo ga senkgwe le pizza, le jaaka sepataganyi sa dinama tse di besitsweng.

Ditlhagiswa tse dingwe tse di amanang le thuntshwane di akaretsa segwapa tsa thuntshwane, letlalo la thuntshwane le dikarolwana tsa thuntshwane e e melang ka boyona. Segwapa ka tlwaelo ke nama e e babang e e omisitsweng e e dirilweng gotswa go manathwana a nama a a marineitilweng le go tshelwa ditswaki tsa moutlwalo. Segwapa sa thuntshwane ke sejo-iketlo se se siametseng batho ba ba sa jeng nama se se dirilweng gotswa go dithuntshwane tse di segeletsweng le go marineitiwa le go omiswa, tse di jaaka dithuntshwane tsa shiitake kgotsa tsa kgetla. 

Letlalo la thuntshwane le tlhoga gotswa go mycelium (popegi ya mouta e e tshwanang le medi) mme le tsaya dibeke di le pedi go ka golela mo bogolong jwa letlalo la kgomo le le tlwaelegileng. Dikarolwana tsa thuntshwane e e melang ka boyona di akaretsa dikapeo le boalô tse di medisang dithuntshwane tsa shiitake, enoki le tsa kgetla. 

Dithuntshwane di teng gape jaaka ditlaleletsi tsa itekanelo tse di tshegetsang masole a mmele, kofi ya thuntshwane ya dithuntshwane tsa cordyceps mme di diriswa mo tlhokomelong-letlalo.

Tsela ya Go Ja Dithuntshwane

©Asha Yoganandan

Dithuntshwane dingwe di ka jewa di le tala mo disalateng, fela bontsi jwa dithuntshwane di apewa ka oli, bôtôrô kgotsa ghee. Go dumelwa fa go besa dithuntshwane kgotsa go di lokela mo microwave ele tsela e e itekanetseng go gaisa ya go apaya dithuntshwane.

Fa go apewa dithuntshwane baapei ba tshitshinya gore go tshelwe letswai le pherefere kwa bokhutlong jwa tsamaiso ya kapeô. Go tshela letswai fa o santse o apaya dithuntshwane go gamola seeledi mme go ka diegisa tsamaiso ya go fetogela borokweng. 

Phopholego e kima e e bonama ga mmogo le tatsô ya umami ya dithuntshwane e di dira gore di siamele go tsena mo boemông jwa nama mo diphepông tsa batho ba ba jang fela merogo le ba ba sa jeng nama. Dithuntshwane di na le guanylate e e kwa godimo, eleng nngwe ya ditswakwa tse di nang le seabe mo tatsông ya umami. Tatsô ya umami e oketsega fa dithuntshwane tse di borokwa tsa konopo di ntse di gola go nna dithuntshwane tse kgolo tse di borokwa (portabella). Dithuntshwane tse di foreshe tsa shiitake le tse di omisitsweng tsa shiitake di motlele ka ditswakwa tsa tatsô ya umami.

Go Boloka Dithuntshwane

©Marinda Louw

Ka keletso, dithuntshwane di tshwanetse go ka bolokelwa ka mo teng ga dikgetsana tsa pampiri gore di monyele bometsi bongwe le bongwe jo bo ka bopegang fa dithemphoritšhara di fetofetoga ka motsi wa poloko. Tshelo-poloko ya dithuntshwane ke magareng ga malatsi ale matlhano le ale supa, fela reka dithuntshwane tse di itsetsepetseng ka metlha – bongami le dithitô tse di telele (mo go Agaricus spp) gantsi ke sesupo sa gore dithuntshwne di lebile kwa bokhutlong jwa tshelo-poloko ya tsona.

Motshotelô wa Thuntshwane

Ntle le go tlhagisa dithuntshwane tse di jegang, setswatlhagisong se se mosola sa temô ya thuntshwane ke motshotelô o o setseng o dirile wa thuntshwane. Motshotelô wa thuntshwane o dirwa gotswa go lotlhaka, mmutele wa kgogo, gypsum le metsi. Morago ga kotulô ya dithuntshwane, motshotelô o o dirisitsweng o ka diriswa mo mmung go tokafatsa tsenelelô ya metsi, botshwara-metsi, go thusa go ntsha botlhole jwa mmu o o botlhole ka go oketsa botswatsheding.

Motshotelô wa thuntshwane o o dirisitsweng o ka nna le matswai le dire tsa botswatsheding tse di sa tsepamang, ka jalo o tshwanetse go ka tshotelwa gape go letla tsenyô-mmung e e tshwanetseng le tiriso e e tshwanetseng ke di-microbe tsa mmu.

Ke Eng Mahupu

©Woodford Truffles

Mahupu, eleng mebele e e enyang ya mouta o o ka fa tlase ga mmu, ke sejo se se tlhwatlhwa-godimo se se melang ka fa tlase ga maemô a mmu a a kgethegileng, mme gantsi a golaganngwa le medi ya setlhare. Go na le mefuta ele mentsi ya mahupu e gantsi e melang mo dikgaolong tse di rileng mme e golaganngwa le ditlhare tse di rileng. Sekai, mahupu a mantsho a fitlhelwa gaufi le ditlhare tsa ouku, cherry le hazelnut kwa kgaolong ya Périgord kwa France.

Bontsi jwa mahupu a a lengwang a tswa kwa Spain, fela mahupu a ka kotulwa gape kwa sekgweng.

Go na le temô ya mahupu nngwe mo Afrika Borwa. Temô e fela kwa mafelong a themphoritšhara magareng ya mariga ya 8℃ mme e tsepametse thata mo mahupung a mantsho a Périgord ka kgolagano le ditlhare tsa ouku tse di tsentsweng.

Translated by Nchema Rapoo