Dithulo tsa Dinaledi di Jang mo Lefatsheng

© David Fleminger

Marungwana a mo Magareng ga Dipolanete

Fa o lebelela kwa lefaufaung mo lefifing la bosigo, tsotlhe di bonala ka kagiso. Dinaledi di benya mo loaping le lentsho le lefaufau le le bophara le le lolea le le tlhatlogetseng kwa godimo ga tlhogo ya gago. Mme boammaruri ke jo bo farologaneng that. Lefatshe le tota le tshwenngwa ke dilo tse di mokoloko wa kametlha tse di tswang kwa lefaufaung, gantsi di tserweng go tswa mo gare ga lebanta la di-astroid le magareng Mars le Jupiter. Tlhaselo eno ke e sa kagotseng le, mme fa go akanywa gore palo ya marungwana a a leng mo gareng ga dipolanete e kwa tlase thata gompieno go gaisa fa lefatshe le ne le tlhamiwa, go lekanyeditswe gore matlakala a dipolanete a a fa gare ga ditone tse di 30 000 a sa ntse a tsena mo loaping lwa rona ngwaga le ngwaga.
Bontsi jwa bongwe le dikarolwana di a tuka jaaka di phutlhama go ralala mowa, e fisitswe go feta ntlha ya go gakologa ya tsona ka go emelana le mowa. Matlhasedi a a phatsimang a a ntshitsweng ka dilo tse di dira di bonale jaaka dinaledi, kgotsa dinaledi tse di thuntshang. Fa e le kgolo mo go lekaneng, le gale, karolo ya yona a tla tswelela pele go fenya bollo mme ya kotama mo lefatshe mo lefatsheng jaaka naledi. Ka Ntlha Ya Tshedimosetso ya Gago, naledi e kglolo go gaisa e e fitlhetsweng go fitlha ga jaana ke naledi ya Hoba, o lemogile ka 1920. E wetse fatshe gaufi le Grootfontein, kwa bokone jwa Namibia, mo dingwageng tse di fetang 80 000 tse di fetileng mme ga e so sutisiwe fa e sale. Hoba ke karolo e tiileng ya tshipi le nnikele, e e lekanyang go ela dimetara di le tharo sekwere le metara e le nngwe yo ya kwa godimo.

Dithulo tse Dikgolo

Fela go ka diragala eng fa sengwe se segolo se tla fatshe se tsubutla mo Lefatsheng? Ke eng se se ka diragalang fa naledi e kgolo ya molelo e e lekanyang 10 kgotsa le 100 ya dikhilometara ka bophara e ka itaagana mo mmung? Dipatlisiso tsa ditiragalo tsa dithulo tsa pele ga di tlhagise seswantsho se se sentle.
Ditiragalo tse dikgolo go bonala di na le bokgoni ba go senya e seng fela lefelo la selegae la thulo, mme mo lefatsheng lotlhe. Dithoromo tsa lefatshe tse di boitshegang, ditsunami tse dikgolo le merwalela ya ditiro tsa kgwamolelo e e fitlhang mo go phimoleng botshelo mo lefatsheng. Mo godimo ga moo, bokana bo bo boitshegang jwa lerole le matlakala a a foketsweng kwa lefaufaung a ka thiba letsatsi, mme la tsenya polanete mo dikgweding tsa mariga a matlhotlhapelo a a ka fetsang dikgwedi kgotsa ngwaga. Ka bokhutshwane, go ne ga akantshiwa gore ditiragalo tsa dithulo di ka tlhola diphediso mo lefatsheng lotlhe.

Phediso ya Botshelo mo Lefatsheng

Phediso ya botshelo mo lefatsheng ke karolo ya thulaganyo ya tlhago ya phetogo. Go ralala dibilione tsa dingwaga, ditshedi di le dintsi di sule ka ntlha ya diphetogo tsa maemo a bosa, matlhotlhapelo a tlhago le kgaisano le ditshedi tse dingwe. Se se tsewa e le tlwaelo (kgotsa maitshetlego) mme phediso ya botshelo mo lefatsheng e santse e tswelela pele le gompieno – e thusiwa ke batho ba segompieno ka ge ba thukhutha polanete. Go lekanyetswa gore, ka fa tlase ga maemo a a tlwaelegileng, magareng ga malapa a le matlhano a go kgona go tlhaola ditshedi a tla fe mo lefatsheng dingwaga tse di milione o le mongwe o mongwe le mongwe fela, ka kgotlhelego e le nnye fela, re ka kgona go isa palogare eo kwa godimo thata.
Le fa go le jalo, rekoto ya maselela a marapo e supa gore, mo dintlheng tse di rileng mo nakong e e fetileng, go ne go na le diphediso tsa botshelo mo lefatsheng ka bontsi moo peresente e e kwa godimo ya botshelo botlhe mo lefatsheng e nyeletseng ka bonako thata. Tseno ka dinako dingwe di bidiwa ditiragalo tsa molelwane mme di pakiwa ke go kgaotsa ga matlapa le masalela a marapo, moo mofuta o le mongwe fela wa botshelo o tlosiwa ka o mongwe. Ditiragalo tse ta molelwane tse gantsi di bonala mo dillageng tsa matlapa tsa sešweng kwa mafelong a a farologaneng go kgabaganya lefatshe.

Phediso ya Botshelo mo Lefatsheng ka Bontsi

Jaaka re ikanya dikwalwa tsa masalela a marapo go tlhaola melelwane, tatelano ya ditiragalo tsa ka phediso ka bontsi ya botshelo mo lefatsheng e bonala fela morago ga go oketsega ga botshelo ka nako ya Cambria, dingwaga tse di ka nnang dimilione tse 550 tse di fetileng (Ma). Go tloga moo, go nnile le diphediso tsa botshelo mo lefatsheng ka bontsi tse di 5: Phetogo ya End-Ordovician (444 Ma: 84% ya tatlhegelo ya mefuta ya ditshedi), Moswi Devonian (360 Ma: 79% ya tatlhegelo ya mefuta ya ditshedi), End-Permian (250 Ma, 95% ya tatlhegelo ya mefuta ya ditshedi – phediso ya botshelo ka bontsi e e maswe thata mo lefatsheng), End-Triassic (200 Ma, 79% ya tatlhegelo ya mefuta ya ditshedi) le End-Cretaceous (65 Ma, 70% ya tatlhegelo ya mefuta ya ditshedi).
Babatlisisie bangwe ba segompieno ba bua go ya pele gore le ga jaana re mo pele ga itemogela e e sa siamang ya phediso ya bontsi ya botshelo mo lefatsheng e nngwe, e e lobelo thata mo tse di kwadilwe. E thusa gape ke tsholo ya tikologo ka go sa kgathale, se ke se se bidiwang (Holocene) tiragalo ya phediso botshelo mo lefatsheng ya ga jaana mme e ka raya gore go fitlha bontlhabongwe jwa mefuta ya ditshedi mo lefatsheng di tla swa mo dingwageng di le 100 tse dit lang (go ya ka rasaense mongwe yo o tlhokonang tshepo).

Go Nyeletsa Gotlhelele!

Mabaka a phediso ya botshelo ka bontsi mo lefatsheng a thata go a tlhalosa. Le le lengwe fela (End-Cretaceous, kgotsa Molelwane K-T) tsona di kopantswe ka tlhamalalo le tiragalo ya thulo. Tse dingwe di na le tshimologo e e ka fa tlase ga tse dingwe, ka gonne go se na ditheo tsa thulo tse di tsamaelaneng le thulo tse di fitlhetsweng go fitlha ga jaana. Kwa ntle ga dithulo, ditlhodi tse di tshisintsweng di akaretsa: diphetogo tsa maemo (tse di jaaka dingwaga tsa tsidifalo), ditiragalo tse dikgolo thata tsa dikgwamolelo (e e tsenyang botlhole kwa lefaufaung), go thunya ga marang a dinaledi (ao a gadikileng ditshetsana tse di tshelang mo moalo godimong) le dipolata tse di ikadileng (tse di ka tlisang dikhontinente mmogo le go kopanya mefuta ya ditshedi tse di neng di kgapetswe kwa thoko mo nakong e e fetileng, go tlhama tlhagelelo ya le mefuta e mešwa ya ditshedi). E tsewa e le se se ka se diragaleng, le gale, nngwe le nngwe ya diphopholetso e ka tsaya maikarabelo a diphopholetso tse ka ntlha ya ditiragalo tsa phediso ya botshelo ka bontsi mo lefatsheng, le kopanyo ya mabaka a tshwetso ka tshwanno.
Le fa go le jalo, patlisiso e bontshitse gore phediso ka bontsi e diragala ka didiko, gongwe gangwe le gangwe morago ga dingwaga di le 30 go ya go di le 60 tsa dimilione. Go tshwanetse ga lemogwa gape gore fela ka gore ga re na bosupi jo bo bonalang jwa tiragalo ya phediso ya botshelo mo pele ga 500 Ma, ga go raye gore ga di a ka tsa diragala.
Pele ga nako ya Cambria, botshelo bo ne bo sa ntse bo simologa, bo na le dibopego tse di bonolo jaaka ditwatsi, di-brachiopod le di-trilobite. Ditshedi tse dinnye ga di tlogele masalela a mantsi a marapo, le dipalo tsa tsona ka jalo di bokete go di sala morago. Mo godimo ga moo, matlapa a a leng mo matlheng a morago go feta dingwaga di le 600 ya dimilione ga di bonle fela thata, ka gonne di na le go boelediwa mo thulaganyong ya tse di ikadileng. Se se tlosa bosupi ba dillaga tsa molelwane tse di ka supang nako ya mathata mo lefatsheng ka bophara. Go lekane go raya gore, fa go ne go na le dibopego tse di marara tsa botshelo mo lefatsheng ka nako ya thulo ya Vredefort, di ne di ka bo di nyeleditswe gotlhelele!

Translated by Lawrence Ndou