Dimela le Ditshedi kwa Vredefort

© David Fleminger

Setšhaba sa Tlhago sa Naga e e Tletseng Bojang

Kgolokwe ya kwa Vredefort e ntse mo setšhabeng sa tlhago sa Naga e e Tletseng Bojang, mo ntlheng ya Nagagodimong le mmoto o sephara wa Teransefala. Mofuta wa bojang ka gale o tlhophilwe jaaka Bankenveld, mme ngwaoboswa ya tlhago ya thutatlapa e e tshwananosi ya naga e feletsa mo bokana ba dipharologano di le dintsi.
Sekao, ditshedi tsa Naga ya sekgwa ka tlwaelo tsa di bonwang makgolo a dikilometara go ya bokone di gone, jaaka Mogakare wa Sekgwa, Aefori e Khibidu le Ditlhare tsa Patadikgagane. Setlhatsana sa noka mo go bapa le mabopo a Lekwa gape e oketsa mo mefutafuteng ya ditshedi.
Mo dikgutlong tse di tlhamilweng magareng ga mabota a mabedi le manga a Kgolokwe, e e mafelo a bonno a mannye a a farologaneng, maemo a boso a mannye, le mefuta ya mebu e tshegetsa dimela tse dintsi. Lenaane le le feletseng la dimela ga le ise le wediwe, mme go na le bonnye 99 ya diphedi tsa mefuta ya dimela e e leng teng mo tikologong.
Motlhware wa Naga o tlwaegile tota le tshimo e e kgolo go gaisa mo lefatsheng ya mefuta ya ditshedi (Olea europaea subsp. Africana) e fitlhelwang mo lekgabaneng kwa ntle fela ga Parys. Ditshedi tsa Mokala le Protea gape di aname.

Mefuta ya Ditshedi tsa Dimela tsa Motswakwa

Mefuta ya ditshedi tsa dimela tsa motswakwa ke bothata mo Kgolokweng. Ditlhare tsa borekhu di tsenelela mo karolong e e nonneng ya ya dipoeng tsa Lekwa. Modibonoka, Megokare ye e Lelang le mefuta e le mmalwa ya go Pere e e Tlhabang le tsone di kgoromeletsa dimela tse di tlholegileng mo nageng ka ntle.
Di-hyacinth tsa metsi ke tse di tshwenyang tse di itsegeng, jaaka di oketsega mo Nokeng ya Lekwa le go thibela ditselana tsa metsi. Tiro e ntsi e tla tshwanelwa ke go dirwa go busetsa lefelo leno kwa bont; eng jwa lona jwa tlhago.
Dinonyane tsa tikologo ke tse di ntsi, fela le gale, ka palo e e fetang 200 ya mefuta ya diphedi go tshola babogedi ba dinonyane ba itumetse. Tseno di akaretsa: di-cormorant, dikokolofute, bommaloleane, dinonyane tsa melomo ya maswana, manong, dintshu, bophakalane, dintshu tsa ditshadi, gootsane, kgaka, mafofa a mo diropeng, di-sandpiper, marubise, diubane, kestrel, dinonyane tsa magotlo, bommatlhapi, dirolara, di-barbet, bophakadikotal, dipeolwane, di-Martin, di-cisticola, di-starling, dinonyane tsa letsatsi, dinonyane tsa batlholagadi, bobišhopo, botweretwere, dinonyane tse tlotlang le dinonyane tsa maši. Pane ya Lewatle le le Fa gare Ga Naga, gaufi le Vredefort, gape ke lefelo la bokopanelo le le botlhokwa la dinonyane tse di fudugang.

Ditshedi tse di Leng mo Kotsing

Le mororo kgolekwe e ne e le legae la tse 5 tse Dikgolo, diphologolo tsotlhe tse dikgolwane di ne tsa tsomiwa tsotlhe jaaka balemirui ba ne ba mo tsaya naga. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le mefuta e 50 ya diphologolo tse di nnye tse di amusang tse di ka bonwang, go akaretsa "Tsa Mefuta ya tse di Leng mo Kotsing". Nkwe, katse e khibidu, phiri ya mosima, phokojwe, dipela tsa matlapa le tshepe di teng, le diphologolo tse dingwe tsa naga tse dingwe tse di mmalwa le dirapa tsa diphologolo ga jaana di a oketsa diphologolo tsa naga tsa kgaolo.
Vredefort gape e na le setlhopha se se tletseng sa digagabi, dinoga, diphepheng le ditshenekegi. Go na le khumo e e bonalang ya mefuta ya serurubele, ka jalo fa o le moithuta dirurubele, leno ke lefelo le le go siametseng! Nnete ke gore, go rilwe gore go na le mefuta ya serurubele mo Kgolokweng go feta bophara ba Ditlhakatlhake tsotlhe tsa Borithane.
Kwa ntle ga Noka ya Lekwa, Kgolokwe e tshwarwa e le metsi ka go na ga pula e e siameng ya palogare ya 625 mm, 500 m e leng gore e na mo dikgweding tsa selemo. Dikomelelo, le gale, di tlwaelegile. Ka selemo, themphereitšha e bolelo, tekatekanyo ya 30°C bogolo go ya go 15°C fatshe motshegare. Malatsi a mariga a bothitho (mo bogareng jwa 18°C) mme masigo a ka nna tsididi thata.

Translated by Lawrence Ndou