Bateleur Eagle
Ntsu ya Bateleur

© Nigel J Dennis
Bateleur Eagle.

Bateleur ke ngwe ya di snake eagle tse di itsegeng thata. Leina le “Bateleur” ke lefoko la sefora le le rayang gore motsamaya kgole e gagametseng ‘tightrope walker’. Leina le go bonala fa e le neeilwwe ka lebaka la bo supegetsi ba tsa boitshidollo mo phefong.

Ponalo

E tswaega ka mafofa a yone a bontsho jo bo boteng le bosweu ka fa tlase ga diphuka, sefatlhgo le maoto a makhibidu jo bo kganyang le nko e ntsho. Go sa tshwaneng le dibopiwa tse dingwe, Bateleur e namagadi di ditona ka mmele mo go tse ditonna. Plumage ya bateleur e nang le ngwaga e a tshwana mme e mmala jo bo tseneletseng jwa ntlhwa. Morago ga dingwaga di ka nna plumage eo a simolola go fetoga go mmala wa tse di kgolo eleng bontsho, bosweu le bosetlha (grey). Go ka tsaya sebaka sa dingwaga dile 8 gore e fofore plumage ya mmala o ntlhwa gore e nne ya mogolo.
Di na le diphuka tse di telele le megatla e mennye, fa e le gore maoto a yone a ategelela go feta mogatla fa e fofa. Matlho a Bateleur a ntlhwa a aparetswe ke letlalo la sefatlhego mme le bokhibidu jo bo bonalang ebile ga le na mafofa. Maoto le sefatlhego di mmala wa bokhibidu. Diphuka tsa e namagadi di aparetswe ke mmala wa ntlhwa kwa godimo le bosetlhana kwa tlase.

Dijo

Ntsu ya Bateleur a tsaya lobaka la 8-9 tsa diura mo moweng le batlana le dijo. Dijo tsa yone di akaretsa diphala, magotlo, dinonyane, dinoga, nama e boduleng, mekgantitswane le tse di bolailweng mo tseleng ke dijanaga.

Tsalo

E namagadi e beela lee le le esi mo sentlhageng se se nnang mo setlhareng se setona, se se difang tshireletso. Mme o elama lee ga ntate a ile go batla dijo le matlhokwa a sentlhaga. Fa e le gore nako e ngwe o tla elama lee le ene. Morago ga sebaka sa 52-59 tsa malatsi le elamilwe, ngwana wa Bateleur o thuba lee. Malatsi a le 110 a a latelang ngwana e tlogela sentlhaga le ga a ntse a tlile go bona dijo mo go batsadi ba yone malatsi a le 100 a latelang. Ke diperesente dile 2 fela tsa di-Bateleur tse di bona bogodi.

Maitshwaro

Bateleur tse pedi di a nyalana mme di nne mo sentlhageng se le esi dingwaga di le mmalwa. Tse di le ng nosi di ka bonwa makgetlho kwa mafelong a dintlhaga. Ga e nke e kubiwa ke tse di nyetseng mme ga e thuse ka go elama. Gantsi e bonwa e fofa ka lebelo le le kwa godimo mme ke yone tsela e e ratang go tsoma ka teng. Di ka tsaya tikologo e le di-miles dile 300 mo nakong ya diura dile rebedi ka letsatsi e batlhana le dijo. Ka lebala la sebaka se di se dirisang go fofa malatsi otlhe, palo ya tsone e bonagala e le kwa godimo go sa nna jalo mo mafelong a sub-sahara ya Africa, mme palo ya tsone e ntse e ya kwa tlase. Tsamaiso ya moletlo wa kgolagano ya tse di nyalang e gakgamatsa e le tota, ka o tla bona e tona e itatlhela mo go e namagadi kwa lefaufaung. E ne o tlwa phetoga ka mokwatla a bontse dinala tsa gagwe kwa godimo mme a phetoge gape a bowele mannong ga e tona e mo feta ka lebelo. Di ka salana morago di ntse di ella kwa godimo le kwa tlhase di tibisana fela jalo di ntse di dira modumo ka go kitlaganya duphuka. Modumo oo o ka utlwagala bokgakala jo bo telele Tshotlhe tse di salwa morago ke modumo wa melodi ya tsone. Dinonyane tse gantsi di aramela letsatsi ka go phutolola diphuka tsa tsone di emeletse kwa godimo, di ikobeletse kwa pele di eme jaaka Pheonix mme di retologa go sala letsatsi morago.

Bonno

Ntsu ya Bateleur e bonwa gotlhelele mo Afrika go tloga kwa borwa ba sekaka sa Sahara kwa go se nang sekgwa kwa teng. E batla mafelo a bulegileng, a a tletsseng tlhaga le di-savannah tsa acacia. Di fokotsegile kwa mafelong a a leng kwa borwa ba Afrika, fa kwa a mangwe di setse difedile.

Kwa di ka bonwang kwa teng

Ntsu ya Bateleur e bonwa gotlhelele mo Afrika go tloga kwa borwa ba Sahara. E rata di-savannah tsa ditlhare le sekgwa.

Leina la se Latini

Terathopius ecaudatus.