Albertina Sisulu - Go Tlotlwa ka ntlha ya Dingwaga tsa Tirelo

©Eric Miller

Albertina Sisulu ke nngwe ditshwantsho tse di tlotlegang mo hisetoring ya Aforika Borwa. O amogetse palo ya ditlotla tsa tirelo le boineelo ba gagwe kgatlhanong le kgaratlho: Ka 1986 o amogetse tlotlo ya boagi ba Reggio nell’ Mmilia kwa Italy. Ka 1988 lekwalokgang la kwa Lenasia, The Indicator, e neetse lelapa la kwa Sisulu kabelo ya Modiradikgang wa Ngwaga. O ne a tlhophiwa go nna moporesidente wa Khansele ya Kagiso ya Lefatshe kwa Switzerland go tswa ka 1993 go ya 1996.

Se e ne e le tlotlo ya gagwe ya kgaratlho kgatlhanong le tlhaolele le tiro ya loago. Ka 1994 o ne a nna karolo ya Palamente ya ntlha ya temokerasi mme o ne a e direla dingwaga di le nne, fa a rola tiro. Gape o amogetse kabelo go tswa go Moporesidente wa nako eo, Nelson Mandela. Ka 1999 o ne a neelwa kabelo ya tlotlo ya bongaka go tswa kwa Yunibesiting ya Witwatersrand ka boineelo jwa gagwe mo motlhoding wa temokerasi le bosiamisi mo Aforika Borwa.

Ka 2003, o ne a akgolelwa ka dingwaga tsa gagwe tsa boineelo go tlisa tokofatso ya selegae ya MaAforika Borweng fa senthara ya kwa Soweto ya bana ba ba nang le ditlhoko tse di kgethegileng e na ya teelwa ka ena. Ka 2004 o ne a tlhophiwa ka bo57 mo thelebišeneng ya SABC 3 Bagolo ba Aforika Borwa.

Translated by Lawrence Ndou

Nelson Mandela and South Africa's Famous Ladies Luncheon by Raymond Louw

Lebaka le Tautona Mandela a le fileng mabapi le go laletsa basadi bano – ebile e ne e le kakanyo ya gagwe ka boene – e ne e le kgwetlho ...more