Albertina Sisulu - Ditiro tsa Tlaleletsa tsa Sepolotiki

© Eric Miller

Mooki kwa Soweto

Fa a sena go aloga go tswa sekolong sa kwa godimo, Albertina Sisulu o ne a ikatisa go nna mooki. Ka 1940 o simolotse go dira kwa Bookelong jwa Kakaretso kwa Johannesburg, fa a neng a oka le mosadi wa ga Nelson Mandela wa ntlha, Evelyn. E ne e le fa fa gape Albertina a nneng a dira le kgaitsadi a monna wa gagwe wa isago e leng, Barbie.

Botshelo jaaka mooki wa moikatisi bo ne bo se bonolo. Albertina o ne a tshwanetse go itebaganya le bosemorafe bo bo tseneletseng ba badirammogo ba gagwe, le ba ba mo maemong a kwa tlase go feta. Mo godimo ga moo, o ne a tshwanelwa ke go dirisa tuelo gagwe e nnyan go duelela diaparo tsa gagwe tsa tiro e e tshwanang mme nako ya gagwe e ne e dirisiwa kwa hoseteleng ya baoki. Jaaka mmelegisi, Albertina o ne a etela balwetsi ba gagwe mo metsesetoropong mme se se ne se dirwa ka dinao.

Albertina o ne a tshwanetse rwala didiriswa tsa gagwe tsa mmelegisi tsotlhe le melemo ntlo le ntlo. Se se ne se dirwa ka thuso ya sutukheisi mo tlhogong ya gagwe. Albertina o ne a nna Mooki yo o Kwadisitsweng ka 1944 le mmelegisi ka 1954. Ka 1980 o ne a tlhomiwa go mooki mogolo wa sepetlele se sennye sa kwa Orlando Botlhaba, kwa Soweto.

O ne a tswelela go dira fa go fitlha fa a ne a ya phenšeneng ka 1983. Morago ga moo o ne a direla Ngk Abu Baker Asvat, ngaka ya poraefete kwa Soweto. O ne a mo letlelela go tswelela ka ditiro tsa gagwe tsa sepolotiki a ntse a thapilwe ke ena mme bobedi ba ne tlhamile kamano e e tseneletseng. O ne a tswelela go mo direla go fitlhela fa a bolawa ka 1989.

Tshotlego ya Basadi le Bana

Ka bo1950 Albertina o nnile karolo ya botlhokwa ya Tshwaragano ya Basadi ba Aforika Borwa. O ne a le kwa pele mo ntweng kgatlhanong le kgatelelo ya bong mme a gwanta kgatlhanong le melao ya dipasa. Albertina o ne e na le seabe mo go thapiweng ga baoki go ya kwa Tanzania go emisetsa baoki ba kwa Borithane ba neng ba tlogela fa Tanzania e ikemela ka 1961.

Ka 1983, o ne a le moporesidente-mmogo wa United Democratic Front (UDF). Ka 1989 o ne a etelapele baemedi ba baeteledipele ba UDF go ya kwa Yuropa le Amerika go kopano le Ditonakgolo le Baporesidente gore ba itsese ka ga tshotlego ya bontsi mo Aforika Borwa ka nako ya tlhaolele.

Ditiro tseno di ne tsa tla le tlhotlhwa, go akarediwa go tlhorontshiwa ke mapodisi ditaelo tsa go iletswa le fa e le go tlhatlhelwa. Morago fa kgaratlho e ne e setse e fedile le Aforika Borwa e nnile le ditlhopho tsa yona tsa ntlha tsa temokerasi ka 1994, Albertina Sisulu o ne a nna Leloko la Palamente mme matshwenyego a gagwe a magolo e ne ya nna tshotlego ya basadi le bana. Mo dingwageng tse di fetang 50, botshelo ba ga Albertina bo ne ba dirisiwa go ineela mo go Motheo wa Albertina Sisulu a dira go tswelela go tokafatsa matshelo a bana le bagodi.

Gape o ne a tlhoma Albertina Sisulu Multipurpose Resource Centre/ASC e e theilweng mo go tlhabololeng Orlando Bophirima, boagi moo ba lelapa la Sisulu ba neng ba nna gona. Senthara eno e ikaelela go samagana le merero ya loago le go fokotsa mathata, e tlamela ka ditirelo tse di jaaka tse dilatelang:

Sekolong sa bana ba ba nang le ditlhoko tse di kgethegileng; senthara ya Tlhabololo ya Bana; karolo ya kwa ntle ga sekolo ya bana ba ba nang le bogole mo ba ka ithutang bokgoni jwa go dira gore ba bone diphatlhatiro le go nna batsayakarolo ba ba tlhagafetseng mo ikonoming y anaga; mananeo a kotlo; holo ya ditirelo tse dintsi ya morafe; porogorama ya phitlhelelo.

Translated by Lawrence Ndou