African Black Oystercatcher

© Roger de la Harpe
African Black Oystercatcher.

Leina

African Black Oystercatcher

Leina la Selatini

Haematopus moquini

Lelapa

Haematopodidae

Botelele

51 cm

Bonno

Bonno ba yone bo kwa mafelong a a leng gaufi le lewatle, Matshitshi, matlhaketlhake, di-lagoon le di-estuaries.

Selelo sa Nonyane

Selelo sa yone o kare tatelano ya ‘di-pip-pip-pip’ fa e e latelang ke dipoweletso tsa ‘kleep-weep’.

Tsalo

Nako ya tsalo e simologa ka kgwedi ya Phalane go ya go Mopitlwe. E beela mae a ka nna 1-4 mo mesimaneng e e adilweng ka makgaphila kgots makgapitla a di-egg shells. Mae a mmala wa wa ‘Stone’ ka ditsubaba tse di ka nnang bohibitswana go jo bo phepole jo bo setlhafetseng. Mae a tla elamiwa 28-30 ya malatsi. Dinonyane di kase kgone go fofa go fitlhela malatsi a le 45 a fetile.

Setshwantsho sa Bana

Tse dinnye di mmala wa borokwa/ntlhwa go ya kwa bontshong ka matlase a bosweule maoto a borokwa jo bo serolwana

Setshwantsho sa Bagolo

Oystercatcher e ntsho ka maoto a a botshibidu le nko e tshibidu le serolwana ko pele. Nko ya yone o kare ‘wedge’, mme e feta tlhogo ya yone ka botelele. Di-mandibles ga di kopane kwa ntlheng, kwa matlhakoreng gone e pataganye go dira magare, maoto one a makhutswane, ka menoto ele mararo. Matlho a mashibidu a a dikagantsweng ke mmala o lephutshe.

Maemo

Monni o itsegeng, mme go dumelwa fa sa sireletsega.

Phatlhalatso

African Black Oystercatcher e bona phatlhalatso e ntsi kwa lebopong la Afrika Borwa, le ga a se mantsi kwa mafelong ao. A bonwa kwa mafikeng a lebopo, matshitshi kwa di-lagoon le di estuaries.

Dintlhakgolo

African Black Oystercatcher e lebiwa jaaka ngwe ya mefuta ya Ntsu, e tlwaelegile thata kwa matshitshing a Afrika Borwa le Namibia. Nngwe ya lebaka la seo ke gore di sentlhaga sa yone di phatlhalatsiwa ditiro tsa batho.