Sea Spiders

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Sea spiders

Leina la Maranyane

Pantopoda

Semeto

E ka nna 1cm go fitlhella go 1m

Ponalo

Maoto a maleele ka mmele o mommye, Gantsi e na le dipara dile nne tsa maoto. Ka dinako tse dingwe dipara tse tlhano kgotsa tse thataro di ka bonwa. E na le Proboscis. Mpa ya yone e a bonala mo go yone. Gantsi e bonala ka mmala wa beige, borokwa le orange.

Dikitsiso

Tlhamagano ya Pantopoda e na le dibopiwa dile 1 400. Ga se dikgokgo tsa bonnete. Di kgona go iphitlha. Ga ni na mafatlha a go hema, mme di hema ka tsela ya diffusion. Dirwe tsa yone tse dingwe di bonwa kwa maotong kafa mmele o le monnye thata. E thuma, kgotsa go tsamaya ka go ikgaphela kwa pele. Nonofatso ya mae e diragala kwa ntle ga mmele wa e namagadi. Tse ditona ditlhokomela mae go fitlhela a thuba mme mmotlana a tsalwa.

Dijo

E fepa ka di’invertebrates tsa mebele e e bonoloka go di anya ka proboscis ya yone.

Anamiso

E bonwa kwa mawatleng otlhe lefatshe, go akaretswa le lewatle la Arctic.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Anoplodactylus digitatus
Nymphon gracile
Nymphon sp.