Guitarfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Guitarfish

Leina la Matshamekwane

Wedgefish, Shovelnose shark

Leina la Maranyane

Rhinobatidae

Semeto

E ka nna 3 m

Ponalo

Tlhogo a boleele le bo phaphathi ka sbopego a kgutlhotharo, le nko e bokgolokwe. Mmele o o moleele ka mogatla o mokima oo mogolo. Megatla ya kwa mokwatleng e a lekalekana. Mmala o lefitshwana mme ka di nako tse dingwe e ka nna le ditsubaba. E tshweu ka fa tlase.

Dikitsiso

Lelapa la Rhinobatidae le na le mephato e ka nna 7 le dibopiwa dile 45 tse di farologaneng. E balwa le dibopiwa tse di leng mo mathateng a go nyelela mo lefatsheng. Molomo, diphatlha tsa nko le tsa go hema di ka fa tlhase, fa matlho le di’spiracles dile kwa godimo. Meno a mannye mme a pipinegile otlhe.
Ka di nako tse dingwe o ka e bona mo di’saline lagoons. Ka tsalo di ‘Ovoviviparous’ se se raya gore mae a tsone a tsholwa mo mmele go fitlhela di tsala bana. Bana ba teng ba tsalwa ba godile mme ba felletse. E ka tsala bana ba le 10.

Dijo

E fepa ka di’invertebrates tse di nnang mo lewatleng kwa tlase. Di’molluscs le ditlhapi tse dinnye.

Anamiso

E bonwa mo metsing a a iketlileng a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Bowmouth guitarfish - Rhina ancylostoma
Giant guitarfish - Rhynchobatus djiddensis
White-spotted guitarfish - Rhinobatos punctifer