Grey Plover
Lerweerwee Le Lesetlha

Leina

Lerweerwee Le Lesetlha

Leina La Se-Latin

Pluvialis squatarola

Lelapa

Charadriidae

Boleele

30cm

Tulo

Le phela le le nosi kgotsa ka setlhopha mo seretseng sa lewatle, lobopo lo lo loleya; nako dingwe mo nageng-gare.

Khudugo

Ke mofudugi wa selemo gotswa Palaearctic go ya dintshing tsa metsi a a letswai, seretseng sa lewatle le kwa melapong ya lewatle. Kgakala kwa lobopong lo lo bothito lwa bophirima di dula le mo marigeng.

Modumo

Modumo wa tsona ke o o kgatlisang o o utlwagalelang kgakala wa 'tlui-tlui'.

Tsadiso

Lerweerwee Le Lesetlha ga le tsadisi kwa borwa-bophirima jwa Kapa.

Thanololo Ya Tse Kgolo

Mmele, seriba se se kwa godimo, molongwana o mokhutshwane le maoto a maleele di farologanya Lerweerwee leno go amangwe. Mafofa ka nako ya tsadiso ya selemo a mantsho go tloga fa seledung go ya tlase mo mpeng, a dikaganyeditswe ke mola o o sephara o mosweu; mokokotlo o ntshofetse gore matshwao a masweu a bonagale thata. Dikôlô tse ntsho di tlhagelela pele mo sehubeng le mo mpeng.

Boemo

Ke moeti o o tlwaelegileng wa selemo, di le mmalwa di teng ngwaga otlhe.

Kanamo

Di fitlhelwa go ikaega bojotlhe jwa lobopo lwa borwa-bophirima jwa Kapa.