Dijo tse di Inetsweng

Dijo tse di inetsweng ke dijo tse di inetsweng mo dieding tsa letswai kgotsa tsa boesiti tseo di thusang go thibela tshenyego, Gape e thusa go babalelwa le go fetola tatso le popego ya dijo.

©Adam Jones

Kinelo Kgatlhanong le Titielo

Pharologano magareng ga dijo tsa kinelo le tseo di titietsweng ke gore dintshakuno tse inetsweng ga se tse di tseneletseng thulaganyo ya titielo e e ka tlholang dimaekropo tse di mosola. Dintshakuno tseo di titietsweng, le fa go le jaanong, di ka inelwa mo seeding sa letswai-binika kwa morago ga thulaganyo ya titielo.

(Tlhogo ya thuto ya titielo e lebelelwa mo setswalong se sengwe mo tsamaisong ya Go Baakanya Dijo).

Dijo tse di Inetsweng

Go batla go nna morogo ofe kgotsa ofe, gammogo le maungo a mangwe le dijo tse dingwe, di ka inelwa.

Merogo e e tumileng e e inelwang e akaretsa dipete (bosetlha ba go tlosa letlalo), mekawa, dijalo tse di tlhabang, dipepere, dithito tsa dithunya tse di jewang, morogo wa okra, digwere le dieie.

Ditamati tsa tšheri di ka tsholwa ka botlalo, digwete di ka obolwang le go sigiwa mo matlhokwaneng kgotsa mo dikgolokwe, fa merogo e metala jaaka asparakase kgotsa dinawa di a setlhefadiwa metsotso e mmalwa mme ya tsidifadiwa mo metsing a dikgapetla pele fa di tsengwa mo kinelong ya dijonontshi ya letswai.

Maungo a a inelwang a akaretsa diapole, diperekisi (go setlhefatsa go tlosa matlalo), diratsuru, letlape la legapu, dipinenapole le difeie. Dijo tse dingwe tse di leng mosola mo kinelong di akaretsa dinastothiamo, difene tsa tlhogo e e fetogang, dinama tse di jaaka nama ya kolobe le tlhapi gammogo le tofu le mae.

Baapei ba bangwe ba oketsa dipete mo dijonontshing tsa letswai la mae a a bedisitsweng go tlhopolola mmala o mopinki mo llageng ya kwa ntle ya mae. Tila matlhare ka fa se se tla fetola seedi sa kinole se nne borokwa.

Atšha ke kinelo ya boloki ya Maindia ya kinelo mo senatifising le binika, mosetata kgotsa dioli tsa sesame, (sekao, menko o motala, dipeinapole, dikalaka) le merogo (sekao, digwete, khabetšhe) le go lokiwa le pepere.

Ka Moo go Inelwang

Thulaganyo ya go inela e bonolo; dijonontshi tsa go inela di tshwanetse go dirwa mme dijo di tshwanetse go baakanywa. Tlhatswa ditshodi sentle le go di tlatsa ditshodi ka ntshokuno ka go tiiša. Sejonontshi sa letswai go tloga fao oa tshelwa mo godimo ga ditshodi mme di a tswalelwa. Kwa morago ga go tswala fodisa mme o boloke mo lefelong le lefiftshwana le le fodileng.

Ditswaki tse dingwe gape di ipiletsa merogo e foreše go okeletswa mo dijonontshing tse di thutafetseng go inela. Go tloga fao seo se a gatelelwa (go tshola dijonontshi tsa letswai tsa go inela), di tlhatswa mo ditshoding tseo dijonontshi tsa letswai tsa kinelo di tla oketswang.

Metswako e ya farologana fela dijonontshi tsa letswai di tlhakantsha dikarolo tse di lekanang tsa metsi le sukiri ya binika (ka tlhopho) le letswai le seedi se se bedisitsweng. Diloki tse di jaaka mmidi wa pepere ­ peu e e diriswang ya khorientere, matlakala a baai le ­ peu ya mosetara kgotsa seloki sa kinelo se se kgethegileng le sona se ka oketswa.

Baapei ba bangwe ba oketsa dipete mo maeng a a bedisitsweng a a tiileng go tlhopholola mmala o mopinki ka dikgapetla tsa mae a a inetsweng. Tila matlhare ka fa se se tla fetola seedi se inetse se nne borokwa.

Dirisa go tsenya mo metemeng kgotsa go inela mo letswaing. Matswai a mangwe a na le diokediwa tseo di ka dirang ntshokuno ya bofelo ya bomaru. O seke wa dirisa ‘letswai le le fokoditšweng’.

Binika e tshweu, saeda ya apole, veine e tshweu, le binika reisi ya esiti ya pheresente ya 5 tse tsotlhe di dirang sentle, fela tila go dirisa binika ya balsami. Dibinika tse tshweu di tla tlhola phetogo ya mmala, fela binika ya saeda, le fa e le gore e na le tatso e bonolo, e tlhola dijo tse inetsweng di nne lefitshwana.

Esiti ya asithiki mo binikeng e fokotsa tshenyego ya diphedinyana tse di nnye, mme le matswai a nang le kalasiamo, go tlhokomela botšhotlha mo ntshokunong e inetsweng.

Maungo kgotsa merogo e ka obolwa (gantsi mokgwa wa go setlhefatsa o a dirisiwa) le go di sega ka dikarolo tse dinnye tse di jaaka matlhokwana a molelo, dikgapetla kgotsa dithunya. Dintshakumo tse dikgolo di sigiwa dikarolwana tse dinnye go letlelela go mona seedi ka bonako se se inetsweng.

Dijo tse di foreše tse di nnye di a dirisiwa, ntshakuno ya bofelelo fa e le botšhotlho thata.

Go Fetola Mmmala ga Konofole e Inetsweng

Konofole e na le ensaeme isoallin eo e iphetolelang le esiti eo e fetolang mmala wa konofole e e inetsweng go nna botala ba legodimo-botala. Go fetoga ga botala ba legodimo-botala gape bo tlholwa ke ditshipi tse dingwe tse di jaaka koporo le sejalo sa tshipi mo nakong ya thulaganyo ya go apya.

Tlhopha konofole ya kgale (isoallin e e kwa fatshe) fa go inela, go dirisa metsi a go gotediwa (ga go na dintlha tse di jaaka koporo) mme o seke wa dirisa letswai le ayotine, jaaka letswai la mo tafoleng. Fa o inela konofole, go elediwa go dirisa letswai le le tswang kwa pele go fokotsa go fetoga ga mmala.

Metsi a a tiilego le metsi a tshetsweng letswa le lentsi le tshwanetse go tilwa fa go inelwa.

Translated by Lawrence Ndou