Coelacanth

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Coelacanth

Leina la Matshamekwane

Old Four legs

Leina la Maranyane

Latimeriidae

Semeto

Up to 1,7m

Ponalo

Mmele wa yone o nonne ka makwapa a a fapanang mme a ‘bony’. Makwapa a, a na le ditlhoko tse o kareng menonyana. E na le mogatla wa mokwatla le wa kwa morago e e batlileng a tshwana ka sebopego. Caudal fin ya yone e kgolwana mme e bokgolokwe. Mmala wa yone o boteng ba mmala wa legodimo le metallic ka ditsubaba tse di bosetlhana mmele otlhe.

Dikitsiso

Lelapa la Latimeriidae le na le leloko le le 1 ka dibpiwa 2 tse di faarologaneng. Go ne go dumelwa fa di nyeletse mo botshelong mme tsa bona gape ka ngwaga wa 1938. Ya ntlha ya go bonwa e kgwageditswe kwa matshitshing a East London, go tswa mo nokeng ya Chalumna. E bonwa mo magageng a fa tlase ga metsi, boteng ba (100-400m).
Mogatlana wa ka fa tlase le mogatlana wa kwa morago e dirisetswa go thuma mo metsing mme fa o e lebelela o kare o ya tsamaya. Ke batsumi ba bosigo. Dibopiwa tse di ‘Ovoviviparous’. Seo se raya gore mae a tsone a tsholwa mo mmeleng go fitlhela a thuba mme e tsale nyana o o phelang.

Dijo

Di ja ditlhapi tsa kwa lewatle boteng, di’skates, di’eels. E fapa fa e ka bona tshono. E tsaya sebaka go sila dijo tsa yone, mme ke ka fao e sa tshwarwe ke tlala ka pele mme ga e tlhoke dijo dile dintsi.

Anamiso

Di itsege gape ka maina a Sodwana, Comoros le Indonesia.