Aeolid Nudibranch

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Nudibranch – Typical Aeolid

Leina la Matshamekwane

Sea slug

Leina la Maranyane

Aeolidina

Semeto

E ka nna 15 cm

Ponalo

Mmele wa yone o mosesane ka di-cerata (dika-menwana) tsa boleele jo bo farologaneng. E na le dinakana tsa di-Rhinophores tse ditelele mme di na le di-oral tentacles ka fa tlase ga tsone. Mebala ya tsone e ka farologana ka ga o ka e fitlhela ele bosetlhana, kgotsa bosweu, kgotsa mmala wa botala ba legodimo kgotsa mmala wa namune.

Dikitsiso

Lelapa la Aeolidina ke nngwe ya dibopiwa tsa tlhamagano ya Opisthobranchia. Leina le ‘nudibranch’ le raya gore magalapa a go hema aa mamponampona. Dibopiwa tsa di-Aeolids di kgobokanya di-nematosist (stinging cells) go tswa mo dijong tse di fepang ka tsone (hydroids) mme di tla di baya mogo ‘cerata’ go itshiletsa ka tsone.
E kgona go tsamaya ka lebelo le le kwa godimo. Dirwe tsa go tsala di bonwa kwa letlhakoreng la moja la molala wa yone, mme e tla ntsha dikgetsana tsa peo ya e tona fao. Mae a yone a beelwa mo metsing ka kgetsi ya mamina (spawn ribbons).

Dijo

E fepa ka di-sponges, corale ee bonolo, le di-anemones le di-hydroids.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a mafelo aa mofuthu, aa bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Dragon nudibranch (Bornella anguilla)
Spanish shawl (Flabellina iodinea)
Aeolid sp (Pteraeolidia ianthina)