Zinfandel

© Glenneis Kriel

Tlhaloso

Terebe ya veine e khibidu e e simolotseng kwa Croatia, Zinfandel e ntse e le mmamoratwa kwa California go tloga bogareng jwa bo1900 mme e kgone go tsweletsa diveine tse di leng boteng kgotsa tse di khibidu kgotsa tse tshweu tsa mefuta wa roso.

Tshimologo

Kwa Croatia.

Maina a Mangwe

Go na le maina a mang a a fetang a le 30 a Zinfandel, mme go le gantsi e itsege gape jaaka Primitivo (Ithali) kgotsa Crljenak kaštelanski (ya Secroatia). Plavac Mali e kaiwa e tshwana mme ka kakaretso e farologane go ya Zinfandel.

Tsweletso mo Aforika Borwa

Fela go feta 24ha ya Zinfandel e jetswe mo Aforika Borwa (2016) gantsi kwa Stellenbosch (13ha) le Paarl (8ha).

Dikgaolo tsa Tsweletso

Paarl le Stellenbosch.

Kgolo

Thobo ya Zinfandel’ e e kwa godimo e ka tlisetsa gore diterebe tse dintsi thata go ka dira e khibidu e e loileng, mme e ka tlhola tswine ‘borekhu’ ka moutlwalo. Diterebe di tshwanetse go nna di pumiwa ka nonofo go tlosa dikalana tsa monongwaga tsa go ntsha maungo.
Mefutapeo e e tshwanetseng go nna bogareng kgotsa mmu o o kwa tlase ka ungo mme tota di tlhomilwe dikgato tse 5 bogareng kgotsa kwa tlase. Matlhare gantsi a fetelela, mme e na le mareto a a boteng a matlhano a boboa kwa tlase.
©Glenneis Kriel

Go Butswa

Zinfandel e tlhoka maemo a loapi a bollo mme e ka butswa ka go salekane. Thobo e bogareng go ya go morago mo setlheng.

Borekhu

Botala jo bo boteng go ya go bontsho, borekhu jwa letlalo le le sesane ka ditlhopa tse di tlhakantsweng sentle tse di telele tse di motopo ya selenere tse di ka bolang bonolo. Bogolo jwa borekhu bo tlhotlheletswa ke nosetso - metsi a mantsi, borekhu jo bo golo.
Nosetso e e fosagetseng e ka tlhola borekhu go bola. Terebe e nang lesukiri e e kwa godimo e ka ntsha kumo e e kwa godimo ya nnotagi mo diveineng.

Disenyi le Malwetse

Ditlhopa tse di nang kgatelelo di ka go sengwa ke go tshwarwa jaalo, ditshenekegi le malwetse. Diterebe tse di kgolwane di ka nna le mogare wa letlhare le rolere.

Tiriso

Zinfandel ya sukiri e e kwa godimo e ka dirwa ka tsela e e kwa godimo ya nnotagi le go tsenelela ga mmala ka botlalo wa diveini tse dikhibidu, diveine tsa mokwa wa port ya sekaka kgotsa veine e tshweu faene ka mofuta wa ditlhong e e bidiwang ‘Zinfandel e Tshweu’. Mofuta o o leng mamoratwa thata kwa Amerika le go itsiswe mo Aforika Borwa ka 2007 ke lefelo la go dira veine la Blaauwklippen.

Tatso/Moutlwalo

Moutlwalo wa Zinfandel o ka tsamaya ka go thunya ka sephiri go ya bogolosegolo go monko wa dithunya e e ntseng jalo ka ‘bo poreimi’. Ka mpoutlwalo wa jeme le mo veineng e ka supa thobo e e kwa godimo ya diterebe.

Translated by Lawrence Ndou