Yellow Arum

© Roger de la Harpe

Leina

[Yellow] Arum Lily

Leina la se Latini

Zantedeschia sp

Ponalo

Arum ke setlhatsana se se melang ngwaga otlhe. Kutu ya modi wa sone se na le makungwa(buds) a mmalwa; matlhare a sone a tlhagelela ka kgwedi ya Phalane. Ga go karolo epe ya sone se se jewang kgotsa se dirisetswa more ope.

Bonno

Dijalo tsa Zantedeschia di gola mo mafelong a a nang le ditlhaga, jaaka di’savanna le fynbos biomes mo letsatsing. Ga e nke e gola ka bontsi ka fa tlase ga moriti, mme di rata mafelo a a bonang paka ya dipula.

Di-Field Notes

Zantedeschia ke ngwe ya dijalo dile thataro tsa setlhopha sa mophato wa dibopiwa tse di itseweng. Dile supa di bonwa kwa borwa ba Afrika fa e nngwe, Z. albomaculata, e etelela kwa borwa-bogare ba Afrika, kwa bokone go filhelela kwa Tanzania. Z. elliotiana e itsewe fela ka temothuo.
di’species tsotlhe di bonala kwa mafelong a a bonang dipula tsa paka ya selemo, kwa ntle ga Z. odorata ka Nieuwoudtville (dipula tsa mariga) le Z. aethiopica e e mphatlhalatsa mme e tlwaelegile kwa mafelong a a nang le metlhaga le dithetse.