Ya Richtersvelders

Badisa ba Batlhotlhomi

©Roger de la Harpe
Ka 1957, ‘lefelo le le beetsweng bammala’ la Richtersveld le ne la abelwa molelwane o o bonalang ka go agiwa ga legora le le neng le tsamaya magareng ga mafatshe a morafe le dipolase tsa ‘seferwana’ go ikala le noka le lobopo. Seno se ne sa lekanyetsa metsamao ya badisa ba batlhotlhomi mme sa kokotela sepekere se sengwe mo lekaseng la mekgwa ya bogologolo ya khudugo goya ka ditlha.
Ka ntlha ya seno, lefatshe le le setseng le ne la fulwa go feta selekano mme botshelo jwa go itshedisa ka bonnye jo bo leng teng jwa barui bo ne jwa pala go ka tsweletswa. Batho ba le ba ntsi ba ne ba koruga gotswa mo metseng le meraka ya bona, mme ba ya kwa meepong, dipolaseng, mekorong ya ditlhapi, ditoropong le ditoropokgolong tse di kgakala go batla ditiro. Morafe wa Richtersveld o ne ole mo go se se bonalang ele phutlhamo. Le gompieno, ke fela bonnye jo bo kwa tlase ga 10% jwa baNama ba ba ikayang jaaka balemirui, mme bontsi jwa bona ke bagodi.
Meraka ya maloba e santse e fulwa fela, gape, ke bagodi ba ba setseng mo go yona mme ba etelwa ke bana ba bona fela ka bokhutlo jwa beke le malatsi a boikhutso. Se se salang, ke botshelo jo bo boima kwa sekgweng. Badisa kwa nageng ba tshwanela ke go itshedisa ka metsi a mannye thata, a ka nako e kgolo a nnang letswai ka seêlô se se kwa godimo sa fluoride le diminerale tse dingwe tse di tatsô-bosula. Se no se baka dipatsô tse tshweu le sebala sa borokwa jo bo fifetseng mo menong, se ka nako dingwe se bitswang letshwao la Namaqualand.

Ditshwanelo le Maikarabelo

Kgabagare, bodirelo jwa moepo wa taemane mo lobopong bo ne bo atlega. Ka 1989, Alexander Bay Development Corporation e ne ya theiwa ke puso go tsaya marapo otlhe a ‘dithoto, maikarabelo-semolao, ditshwanelo le maikarabelo a… State Alluvial Diggings’. Tumalano eno e e pelotshweu e ne e akaretsa thuofatshe ya lefatshe go dikologa Molomo wa Noka ya Orange ga mmogo le ditaemane tsotlhe tse di leng mo go lona. Dingwaga di le tharo morago ga fao, setheo seno se ne sa fetolwa ke molawana wa palamente go nna setlamo se se bitswang Alexcor Limited, mme puso ele yona fela motshwaradiabê. Tittle deeds tsa lefatshe le ditshwanelo tsa diminerale tsotlhe tse di golaganngwang le lona di ne tsa fetisetswa go Alexcor ka 1995.
Fela phetogo e ne ele mo moweng. Ditlhopho tsa temokerasi tsa 1994 di lerile paka e ntšhwa ya pusetso-lefatshe mme merafe ele mentsi e e amogilweng lefatshe e ne ya ikgolaganya le puso go bona katso kgotsa pusetso. Ka tshwanelo, molawana o montšhwa o ne wa fetisiwa, o o bitswang ‘Restitution of Land Rights Act of 1994’.
Molawana ono o o botlhokwa o dirile gore merafe kgotsa batho ka bongwe ba ba neng ba dumela fa ba sutisitswe ntle le tshiamiso mo mafatsheng a bona, ba kgone go tsenya kopo ya pusetso-lefatshe “go tlamela ka tshiamiso ya ditshwanelo mo lefatsheng go batho kgotsa merafe e e amogilweng ditshwanelo tse di jalo morago ga 19 Seetebosigo 1913 ka ntata ya melao kgotsa ditsamaiso tsa maloba tsa tlhaolele ya bosemorafe”. Dikopo di le 69 000 tsa pusetso-lefatshe di ne tsa tsenngwa go ralala naga.

Translated by Nchema Rapoo