La Cradle of Humankind

©David Fleminger
Fa o ise o etele Lefelo la Ngwaôboswa ya Lefatshe la Cradle of Humankind, gaufi le Krugersdorp/Mogale, o tlile go itemogela natefo ya boammaruri. Lefelo-boyo leno le le kgatlhisang (le tsharologile) le rwele histori e e boelang morago dingwaga di le di-million, mme masalela a bogologolo ale mantsi a a fitlhelwang fano ke bopaki jwa seno.
Dikgaga tsa ga Philip Tobias tsa Sterkfontein tse di tumileng lefatshe ka bophara di patagane le Visitor Interpretation Centre e e fentseng dikabo e e kwa Maropeng (leina la Setswana le le kayang gore ‘go boela kwa lefelong la tlholegô ya rona’), mme mmogo di dira ka tshwaragano go bula letlhabaphefo mo lefatsheng la batsogapele ba rona ba sika-loo-motho.
Mokoa wa digogedi tse dingwe o farafere kgaolo ya ‘The Cradle’, mme fa o setse o neetse tlotlomatso go Mrs Ples le ‘Little Foot’ - logata lwa Australopithecus lwa dingwaga di le 2.1-millon le letlhotlholo lwa dingwaga di le 3-million – kopa mmepe mme o tseye mosepele ka dinao, baesekele kgotsa sethuthu sa maotwane-mane mme o tlhatlhobe go kgotsafatsa pelo ya gago.

Translated by Nchema Rapoo

Popegofatshe ya Motheo ya Cradle of Humankind

Majwe a kgaolo ya Cradle of Humankind a akaretsa boalo jwa lejwe jwa Dolomite, jo bo bopetsweng mo bolaong jwa metsi a a bothitho a a seng b...more

Tshimologo ya Dikgaga tsa Sterkfontein

Pele e fetoga naledi ya Palaeontology e e tumileng boditšhabatšhaba, Dikgaga tsa Sterkfontein di ne di khurumetswe di sa itsiwe, di iphitl...more

Popego ya Dikgaga kwa Cradle of Humankind

Kgaolo yotlhe ya Cradle of Humankind e faraferwe ke mephanyo le mephatlhogo, mme yona e tlhofofatsa go bopega ga dikgaga tsa ka fa tlase ga ...more

Loeto-Tlhatlhobo lwa Sterkfontein

Loeto go ralala dikgaga tsa Sterkfontein ke ntlhakgolo mme lo tshwanetse go ka tsewa ke mongwe le mongwe yo o etelang lefelo. Ke mosepele o ...more

Histori ya Tlhagô ya Cradle of Humankind

Boitatolô ka bophara: kakanyô ya phetogo-tshedi ga e amogelwe ke botlhe. Le fa go na le dipatlisiso tsa bonetetshi tsa dingwaga tse di fet...more

Batho ba Dikgaga tsa Sterkfontein

Ka setso, setlhopha sa go sale gale se se supegang mo lefatsheng ke Bushmen kgotsa San, ba ba tshetseng mo bontsing jwa dikarolo tsa Borwa j...more

Ngwana wa Taung - Tlholegô ya Rona ya Motho

Masalela a motho a ntlha a magolo a a bonweng mo Afrika Borwa a supilwe ke Moporofesara Raymond Dart, kwa morago ka 1924. Dart e ne ele mo-A...more

Dintwa go Dikologa Sterkfontein

Ka dingwaga tsa bo-1820 mo Afrika Borwa, kgosi e e maatla, Shaka, e pagame setulo go ikala ka lobopo lwa botlhaba jwa Afrika Borwa. Kgaolo y...more

UNESCO le Cradle of Humankind

Cradle of Humankind (kgotsa COH, jaaka e tlwaetse go bitswa) e kwadisitswe lantlha mo nankolông ya Ngwaôboswa ya Lefatshe jaaka lefelo le ...more