Whitebreasted Cormorant
Timêlêtsane Ya Huba-Tshweu

© Nigel J Dennis
White-breasted Cormorant.

Leina

Timêlêtsane Ya Huba-Tshweu

Leina La Se-Latin

Phalacrocorax carbo

Lelapa

Phalacrocoracidae

Boleele

90cm

Tulo

E tsamaya e le nosi kgotsa ka setlhopha kwa mabopong a a matlapa, ditlhaketlhake le makopanelo a dinoka le mawatle, gape le kwa metsing a magolo a kwa naga-gare kwa go le gale a kotamang mo ditlhareng tse di suleng.

Palo Ya Ditsuwane

3 – 4 (Gangwe le gape 5)

Tsadiso

E tsadisa ngwaga otlhe, ka Phatwe kgotsa Ferikgong tsadiso e ya magoletsa kwa Kapa; tsadiso e gatisitswe go simolola Mopitlwe – Diphalane kwa naga-gare. Mae a le 3 – 4, gangwe le gape 5, a bosweu jwa chalk ka botalanyana jwa tlhaga le botala jwa legodimo fa a le foreshe.

Thanololo Ya Dithuthugi

Dithuthugi di bosweu jo bo timpetseng fa tlase, jo bo tswelelelang go jo bongwe go ya kwa mpeng.

Thanololo Ya Tse Kgolo

E supiwa ka bogolo jwa yona le bosweu mo karolong tsa mmele tse di fa tlase, kgokgotsong le go ya sehubeng. Dithuthugi di tshweu gotlhelele ka fa tlase, bosweu jwa tsona bo feta jwa tsa Timêlêtsane Ya Lotlhaka.

Boemo

Senni se se tlwaelegileng kgotsa sa selegae.

Kanamo

Lefatshe lotlhe. Go ralala Afrika.

Cormorants

Ka lebaka le mmala wa tsone o montsho, di-Cormorants di bidiwa magakabe a lewatle. Bonnete ke gore leina la lelapa la tsone ke, Phalacrocora...more