Whitethroated Monitor

© Tyrone Ping

Leina

White-throated Monitor (Varanus albigularis albigularis)

Distatistiki tsa Botlhokwa

Mophato: Reptilia
Tlhomagano: Squamata
Lelapa: Varanidae
Botelele (Namagadi): 400 - 500 mm
Botelele (Tona): 400 - 500 mm

Mophato wa Dibopiwa

White-throated Monitor [V. a. albigularis], Angola White-throated Monitor [V. a. angolensis], Eastern White-throated Monitor [V. a. microstictu]

Ponalo

Mokgantitswane wa White-throated Monitor o mogolo thata, o nonne, ka maoto a kwenneng le dinala tse di bogale. Tlhogo e na le molomo o ‘bulbous’, fa diphatla tsa nko dil gaufe le matlho mme e seng kwa pele ga sefatlhego. Mokwatla o mmala wa bosetlha le borokwa kwa godimo, ka methalo e el 5-6 e mmala wa lephutshe le ditsubaba tse dintshwana.

Phatlhalatso

E ka bonwa kwa sekgweng le mafelo a komelelo mo sub-continenteng. Mme ga e bonale kwa Kapa Bophirima. Kwa gongwe di kwa sekgweng sa Botlhabatsatsi ba Afrika.

Tsalo

Kwa tshimologong ya paka ya selemo e ka beela mae a 8-51, go ya ka selekano sa e namagadi. Mae a thuba morago ga malatsi a le 110-120 kwa magolegong (captivity), mme e ka tsaya nako e telele nyana kwa sekgweng.

Dijo

Gantsi e fepa ka diboko, dikhukhwane, ditsie le dikgopa.