Vredefort ka Dingwaga tsa Letlapa

© David Fleminger

Moragonyana ga Dingwaga tsa Letlapa

Ka lefelo la Ngwaoboswa ya Tshimologo ya Batho ya Lefatshe le le tumileng le le beilweng fela dikhilometara tse 100 bokone ba Vredefort, e ka akanywa sentle gore batho ba ne ba le teng mo tikologong ya Kgolokwe mo nakong e telele, gongwe le dingwaga tse di ka nnang dimilione. Go fitlha ga jaana, le gale, ga gona masalela a marapo a losika lwa motho a pele a a fitlhetsweng mo kgaolong ya Vredefort.
Mo ditsheding tsa rona go nna le seabe ka tlhamalalo le Kgolokwe e ka latediswa go boela kwa morago kwa Dingwageng tsa Letlapa (magareng ga dingwaga di le 25 000 le 2000 tse di fetileng). Bosupi ba bonno bo patlhaletse thata, ka gonne lefelo le sa ne itumelela palo e e kwa godimo ya kepololo ya marope. Le fa go ntse jalo, kokoanyo ya didiriswa tsa letlapa di fitlhetswe mo mabopong a Lekwa, gaufi le borogo ya Schoemansdrift, le mo polaseng ya ga Parson’s Rus. Didiriswa di akaretsa magare, dilepe tsa diatla, difadi le didiriswa tsa go kgaoganya. Legaga mo polaseng ya Buffelskloof gape e na le bosupi jwa bonno ba batho ba nakwana, mme e ka nna e dirisitswe go fitlha ka dingwaga tsa letlapa. Ditikologo tsa botaki ba matlapa tse di mmalwa le tsona di supilwe.

Translated by Lawrence Ndou