Vredefort le Ditshimo tsa Gauta

© David Fleminger

Masego a a Sa Solofelwang

Aforika Borwa ke lefelo le le lesego thata. Re ntse re segofaditswe ka ga legae le le tlhomameng mo lefatsheng lotlhe ba kontinente ya bogologolo, kgakala le dithoromo tsa mmu kgotsa dikgwamolelo. Matlapa a rona a thubegile go nna mmu o o nonneng o o tshegetsang pharologano e kgolo ya dimela. Mme, jaaka go setse go kailwe fa godimo, re na le phesente e e boima ya dimenerale tse di botlhokwa mo polaneteng tse di bolokilweng ka fa tlase ga maoto a rona. Thulo ya kwa Vredefort e ne e le letshwao le le ntsho le le kgethegileng la rekoto ya rona. Kgotsa a e ne e yona?
Patlisiso ya bošeng jaana e bontshitse gore thulo ya kwa Vredefort e ne e le masego a a sa solofelwang. Ee e dirile tshenyo e kgolo Gape ee, e feleditse mo dikgweding tsa bontsho le botsididi tsa tshenyo e kgolo jaaka fa lorole le thibile letsatsi. Mme gape gongwe e bolokile ditshimo tsa rona tsa gauta go tswa mo tshenyegong.

Gauta e Botlhokwa

Fa naledi e e mogatla e betsa, e thubile mmu mme ya dira khutlo mo boalong jwa letlapa go bo sekametse kwa tlase nna mo gareng ga lefatshe, a phatsimela mo bogareng jwa khuti. Kobo ya mafika a tlhageletseng le lorole le le khupeditseng kgaolo yotlhe, a hupeditse matlapa a a ka fa tlase ga karolo. Dillaga tse nonneng ka gauta tsa Setlhopha se Segolo sa Witwatersrand ka jalo di ne di sireleditswe mme tsa gatelelwa ka tshireletso ka fa tlase ga mmu.
Fa e ne e se ka thulo ya kwa Vredefort, gauta e e botlhokwa e ne e ka bo e ntse gaufi le boalogodimo mme ya gogolwa, go fitlha fa e nyelela. Go na le moo, gouta e tsweletse go nna e le ntsi mo mekekemeng e e duelwang eo e neng ya epiwa ka katlego. Go tloga fa gauta e bonwa ka 1886, re setse re epolotse ditone tse 50 000 tsa selo, go feta 30% ya palogotlhe ya bontsi jo bo sale bo epiwa, mme Aforika Borwa e santse e tshwere 50% ya dipolokelo tsa gauta mo lefatsheng tse di itsegeng. Ga jaana re ba ntsha kuno ba bagolo that ba ba gaisang ba gauta mo lefatsheng ka ntsho kuno ya ngwaga le ngwaga e e fetang ditone tse 400, tse di fitlhang go 17% ya tlamelo ya lefatshe ka bophara.

Bogare jwa Gauta

Kgokagano fa gare ga ditshimo tsa gauta le thulo ya kwa Vredefort e tlhalosa dilo di le mmalwa. Sa ntlha, go re thusa go tlhaloganya gore goreng meepo ya gouta ya Witwatersrand e atolosa ka araka go tswa kwa Johannesburg go ralala go ya kwa Ranteng Bophirima le kwa Klerksdorp, go ya kwa Welkom. Aaraka e e beilwe sekgala se se tsepameng go tswa kwa bogareng jwa Lekgolokwe, mme go ka rialo ka go nna sediko se se kwa ntle sa khuti ya tshimologo.
Sa bobedi, thulo e e tlhodileng gore boalo bo bo nang le gauta go nwelela ka fa tlase ga mmu, ka ntlheng ya borwa. Se e ne e se bothata ka go simolola, jaaka meepa ya ntlha ya gauta e ne e le kwa dintlheng mo mekekemong ya gauta e tlotseng boalogodimo ba mmu. Le gale, jaaka badirameepong ba latelela mekekemo ka boalo ba letlapa, ba fitlhetse gore ba ne ba dira mokgokolosa ka boteng le boteng ka fa tlase ga mmu. Ka ntlha ya seo, Aforika Borwa e na le meepong e e boteng go gaisa mo lefatsheng. Moepo wa Mponeng gaufi le Potchefstroom, peleng e ne e itsege jaaka Western Deep Levels, jaanong jaana e tshwere rekoto mo ntlheng e, ka mosima o o dirang o o boteng ba dikhilometara di le 4.
O ka akanya fela gore ngwagakgolo wa somamabedi o ne o tla nna jang kwa ntle le gauta ya kwa Witwatersrand, kgotsa thulo ya kwa Vredefort e e bolokileng go tswa mo go phatlalaleng. E supa fela gore asteroid nngwe le nngwe e na le gauta ka fa gare.

Translated by Lawrence Ndou