Tswelopele ya Monosi wa Mopedi

Lenyalo

©Dr Peter Magubane

Jaaka batho ba bangwe ba maleme a Bantu, lenyalo la Sepedi ga le tsentshe molaong kgolagano ya batho ba le babedi fela: ke tshwênyêgô ya setlhopha, e e tsentshang molaong kgolagano magareng ga malapa. Ka bokonokono, le akaretsa go fetisiwa ga magadi gotswa go lesika la monyadi goya go lesika la monyadiwa. Mo moragong, lelapa la monyadiwa le fetisetsa mo phatlhalatseng bokgoni jwa botsadisi jwa monyadiwa goya kwa bogading, mme ka jalo maitlamo a bona go monyadi le lesika la gagwe a ne a konosetswa fela morago ga tsalô ya ngwana. 

Lenyalo e ne ele mokgwa le molao mo morafeng wa Bapedi. E ne ele tsamaiso ya semolao mme le ne le sa akaretse mediro ya sedumedi. Go sa tshwane le meetlo e e dirwang mo tsamaisong ya thupiso, lenyalo le ne le sa fetole seêmô sa monyadi kgotsa monyadiwa, fela, le ne le tsweletsapele seêmô sa ka nako eo sa bona jaaka bagolo ba ba rupisitsweng ka botlalo mo morafeng wa Bapedi. Seêmô se se ntšhwa se se bonweng ka nyalô e ne ele sa molao, se se neng se oketsa dithata, maikarabelo le ditiro tsa seêmô se se setseng se bonwe. 

Leitibolo la Mopedi

©Dr Peter Magubane

Tsalô ya leitibolo la Mopedi e ne ele tiragalo ya botlhokwa jo bo golo: e ne e sa tlise fela leloko le le ntšhwa mo lapeng, fela e ne e tlhatlhosetsa mmangwana kwa seêmông se se kwa bogodimong jo bo ka fitlhelwang. Mo godimo ga fao, e ne e konosetsa maitlamo a lelapa la kwa gaabo mmangwana go ntataago ngwana le ba lelapa la gagwe, fa gape e paka bonna jwa ntate le go tsweletsa tshika ya gagwe. Setsetse le pelego ya leitibolo gantsi di ne di dirwa kwa legaeng la lelapa la gaabo mmangwana.

Morago ga pelego, mme le ngwana ba ne ba boela kwa lapeng la ntate kwa moletlo o neng o tshwarelwa teng, mme lelapa la mmangwana le ne le dira seabe sa nama le bojalwa. Seno se ne se ntsha maitlamo a bona a bofelo go lelapa la ntate a go rebola ngwana ka mongwe wa maloko a lelapa la bona yo o amogetseng magadi, eleng palo e e beilweng ya dikgomo le leruo kgotsa madi a boleng jwa tsona.   

Go amogela seêmô se se ntšhwa sa mme, ntate o ne a mo agela ntlo e e leng ya gagwe, ka ge jaanong a na le ditshwanelo tsa go nna le legae le eleng la gagwe le ale laolang. Morago ga seno, moletlo o o kgethegileng (ngwana o tswa mo ntlong) o ne o tshwarwa go keteka kgorogo ya ngwana mo legaeng la rraalona. Ka moletlo, mediro e ne e dirwa, e e neng e wetsa thupiso ya ngwana mo lelapeng, le thupiso ya mme mo seêmông sa gagwe se se ntšhwa.

Boitshupo jwa Thupiso

©Dr Peter Magubane

Mo morafeng wa Bapedi wa setso, pharologantsho ya bong e ne ele boitshupo jwa motheo jwa thupiso, go gatelela dipharologano tse di botlhokwa tsa bong. Thupiso gape e ene e tshwaya tselana e e yang kwa bogolong mme e rwesa morupiswa boagi jwa morafe, mme mo lobakeng la banna, tshwanelo ya go nna le seabe mo ditirong tsa sepolotiki le tsa lekgotla.

Poêlô e e botlhokwa e borupisi bo neng bo e neela e ne ele go nonotsha bookamedi jwa Bapedi go batho ba bangwe ba ba ka fa tlase ga borena jwa bona kgotsa tikologo ya thotloetso: dikgosana di ne di tshwanela ke go bona tetla gotswa go kgosikgolo ya Bapedi pele ba ka simolola sekolo sa thupiso se se ntšhwa.

Tshwanelo ya go abela kgotsa go gana go abela tetla e ne e tsweletsapele bolaodi jwa kgosikgolo ya Bapedi, ka gore e ne e mo neela taolô ya tshwanelo ya boagi le tsêô-karolo ya sepolotiki le ya lekgotla.

Mo dinakong tsa sešweng, ko dikgosi ka bonosi di gololesegileng go rebola lekwalo-tetla la thupiso ka no bona ntle le bolaodi jwa bogareng, moletlo ke motswedi wa ikhumiso e kgolo go dikgosi tseno, ba gantsi ba nang le go latofatswa ka go dirisa botlhaswa matlole a ba a kokoanyang ka tsela e. Thupiso, e e itsagaleng jaaka koma (gotswa go koma, eleng go sega letlalo la fa pele mo bonneng) kgotsa lebollo (gotswa go bolla, eleng go utlwisa botlhoko), e ne ele sengwe sa ditheo tse di boitshepo thata mme ele sekhutlhontswe se se botlhokwa sa ngwao ya Sepedi. 

Go bololela kwa dikolong tsa thupiso e ne ele pateletso go basimane le basetsana botlhe ba dingwaga tse di maleba (tse di farologanang mo go bonalang), fela bong bongwe le bongwe bo ne bo rupiswa ka go kgaogana. Basimane ba ne ba tsenela magato ale mabedi; basetsana le le esi. Ka thupiso ba ne ba fitlhelela bogodi ka botlalo mme ba ne ba akaretswa mo setlhopheng se se itlhaotseng.

Thupiso e santse ele botlhokwa go Bapedi ba le ba ntsi, fela e fetogile motswedi - kgotsa gongwe moriti - wa karogano ya setšhaba. Karogano e kgolo mo setšhabeng sa gompieno sa Bapedi, magareng ga baditšhaba (batsa-setso) le bakeresete, etswa ka bontlha bongwe go ditumelo tsa sedumedi tse di ganetsanang, fela gape gotswa mo go tseneleng le go sa tsenele thupiso. Gape e ka supa dipharologanyô tsa seêmô sa bomorafe le borutegi. 

Le fa bogolo jwa thupiso ya Sepedi bo sa fetoga, go ka tswa go ntse le diphetogo tse di rileng fa e sale dintlha di kokoanngwa tse pegelo eno e ikaegileng ka tsona. Ka jalo e begwa jaaka ya maloba. Legato la ntlha la magato a basimane (bodika) le ne le ba amogela mo bolokong jwa setlhopha jo bo feletseng. La bobedi (bogwera) le ne le ba tsenya mo setšhabeng sa banna, goya ka seêmô le maêmô a bona mo setšhabeng se ba tsaletsweng mo go sona.

Bogwera bo ne bo letla banna go dula go dikaganyetsa molelo wa modiro, le go tsaya karolo mo ditemeng tsa sepolotiki le tsa kgotla. Ka go sa tshwane, thupiso ya basetsana (bojale) e ne e ba tsenya fela mo bolokong jwa setlhopha. Ba ne ba kganeditswe go nna le seabe mo temeng efe kgotsa efe ya sepolotiki kgotsa ya kgotla. Ba ne gape ba sa akaretswe mo seêmông se se kwa godimo se banna ba neng ba se fitlhelela ka legato la bobedi la thupiso ya bona. 

Translated by Nchema Rapoo