Tshomarelo ya Dikwalo Kgatiso tsa Tsamaiso

© Karoline Steenekamp

Fela jaaka kgwebo enngwe le enngwe, tshomarelo ya dikgatiso ke yone e bontshang ga kgwebo e tlile for falola kgotsa go palelwa. Go botlhokwa go somarela dikwadi kgatiso tsa dituelo le maduo otlhe a kgwebo ya gago. Gopola: Tsamaiso ya kgwebo bodirelo jo bongwe le jo bongwe jwa temothuo ke kgwebo. E ka simolola e le kgwebo potlana mme e ka gola ka bonako ga o ka itlwaetse go somarela dikwalo kgatiso tsotlhe tsa kgwebo ya gago. Le fa kgwebo ya gago e ka nna le Namagadi tse nne kgotsa tlhano fela, tsamaiso le bookamedi ba dikwalo kgatiso ke sengwe se se leng btlhokwa thata.

Madi otlhe aa duelelwang ditlhoko tsa kgwebo a tshwanetswe ke go gatisiwa. Se se akaretsa ditheko tsa mebutla, dihoko, didiriswa tsa badiri le baokamedi le dijo, jalo le jalo.

Madi otlhe aa leng maduo a dithekiso tsa dithoto tsa kgwebo le one a tshwanetswe ke go gatisiwa.

Kgato enngwe le enngwe ee amanang lenaneo la tsalo ya mebutla e tshwanetswe ke gatisiwa. Ga gona maikutlo aa botlhoko go feta a o ka a bonang ga o ka lebala go rulaganyetsa namagadi ya gago lebokisi la go amusa, mme fa o fitlha kwa lefelong la tsone mo mosong o fitlhele e swetswe ke bana mo bosigong ka lebaka la serame fa fatshe.

Go botlhokwa go tshola booka ya mananeo a malatsi bo mme ba tlileng go kgwisa bana ka one mme o e sale morago.

©Judy Stuart

Dikarata tsa Dihoko

Hoko engwe le engwe e tshwanetswe ke go nna le nomore ya yone, mme karata ya hoko eo e tshwanetswe ke go gatisiwa mo hokong eo.
E tshwanetswe ke go bewa ka tsela e e leng gore mmutla a kase kgone go e fitlhela mme ae tlhafunakaka ae senya, kgotsa go tshelwa ke metsi ya kolobala, le go ka tlala leswe. O ka nna wa e lokela mo faeleng mme wa e lebelela ka malatsi otlhe. Mo karateng eo o kwale dilo tsotlhe tse di diragalelang mmutla oo, jaaka matsatsi a thobalano, malatsi a matsalo, palo ya bana ba ba tsetsweng.
O nne le temana dikarolo dile mmalwa mo karateng gore o tle o kgone go gatisa palo ya bana ba ba santseng bale mo sentlhageng kwa malatsing a 2, 6, 14 go fitlhela ba kgwesiwa. O tsenye temana karolo ee gatisa palo ya bana ba ba amusiwang ke bomme ba eseng ba bone (foster babies) ba ba sometsweng mo sentlhageng seo. Leina le nomore ya e e tona ee dirisitsweng di tshwanetswe ke go bonala mo karateng eo. (Lebelela sekao sa Karata ya Hoko).
Gopola go sala dikwalo tsa faele morago mabapi le malatsi a ditlhatlhobo le kalafi ya phologolo engwe le engwe, ga mmogo le malatsi a go sega dinala, go tlhatlhoba ditsebe, jalo le jalo. Go maleba go gatisa dipholo tsa dikalo tsa bokete. Se, o ka se dira go bona kgatiso ya lenaneo temana ya tse ditsalang le tse di golang, mme o somarele kitso eno goyagoile mo faeleng. Malatsi a tlhabo le one a tshwanetswe ke go gatisiwa, mme o gatise le selekano sa bokete ba mmutla pele le morago ga tlhabo. Tsayatsiya: se ke sesupo sa maduo a a ka bonwa ka thoto eo. O ka iponna lenaneo la dikwalo kgatiso ya komputara go go thusa, mme seo seka tlhakagala fa lenaneo la kgwebo bodirelo ya gago le gola.

Translated by Ikalafeng Maedi