Tshimo ya Richtersveld

Tshedisanô ya Mefutafuta ya Diphologolo le Dimela e e Manontlhotlho

©Jacques Marais
Tshedisanô ya mefutafuta ya diphologolo le dimela ya Richtersveld le Namaqualand e a manontlhotlho. Fela eno ke kgaolo e e omeletseng ka tshologo ya dipula tsa ngwaga le ngwaga e e ka nnang 150mm, le go e dira sekaka. Gape e mogote thata, ka dithemphoritšhara tsa selemo tse nako dingwe di tlhatlhogelelang go 50 degrees. Ka jalo, lefelo le le sa dulegeng leno le tshola jang ngwao-boswa e e humileng ya dimela? Go na le maêmô ale mmalwa a bosa a a logileng maano a go tlhola Eden eno e e sa solofelwang. Karolwana ya ntlha e e botlhokwa e e tshwanetseng go ka akanyetswa ke Moela wa Benguela, o o elelang mo ntlheng ya bokone go namelela lobopo lwa bophirima lwa seka-kontinente.
Benguela e tlholega kwa kgaolong ya Antarctic, kwa metsing a a bothitho a Atlantic a tswakanang le Lewatle la Borwa le le gatsetseng. Kopano eno e baka gore metsi a a bothitho a rurufale le go nwela, go baka ‘pumpunyega’ ga metsi a a tsididi a a humileng ka dikotla gotswa kwa botlaseng jwa mawatle a borwa. Diphefo tse di maatla gotswa kwa thulaganyong e e thibelang sefefô ya Atlantic Borwa e kgarameletsa kêlêlô eno ya metsi a a tsididi kwa Cape of Good Hope le go ikala lobopo lwa bophirima. E ya bokhutlhong go ikala le mabopo a Angola, fa e kopana le meela e e bothitho ya equator.

Moela wa Benguela

Moela wa Benguela o na le seabe se se golo mo tikologong ya seka-kontinente. Metsi a a humileng dikotla a tshegetsa palo e e kwa godimo ya ditlhapi tsa lewatle, tse morago di tsegetsang manyibi, dinonyane tsa metsi le ditshedi tse dingwe tsa lewatle. Metsi a a tsididi a a fa godimo ga lewatle, a a ka nnang tsididi go feta metsi a a kwa ntle ga lewatle ka 5 degrees mo latitude e e tshwanang, a fokotsa gape seelo sa mowafalo se se ka diregang. Ka ntlha ya seno, tshologô ya pula go I kala lobopo lwa bophirima e kwa tlase mme moela gantsi o na ditlamorago tsa ‘go omeletsa’ mo kgaolong.
Fela Moela wa Benguela o na bomolemô jwa ona ka ge o na le tsepamiso mo kgaolong. Diphefo tse di rurufetseng tse di fokang gotswa lewatleng di lekanyetsa dithemphoritšhara tsa kgaolo ya lobopo, ka jalo dilemo ga di mogote thata mme mariga ga a tsididi thata. Fela, ka ntlha ya dithaba, diphefo tseno tsa lewatle ga di tsenelele mo nageng-bogare mme dithemphoritšhara tsa selemo mo Richtersveld di tlhatlhoga go feta 40 degrees.
Moela wa Benguela gape ke motswedi wa mouwane o o kitlaneng o hupile metsi o o tlhagelelang ka metlha gotswa kwa lobopong. Meowane eno e e bokete, e e itsagaleng jaaka malmokokkies kgotsa !hurriesgl go baagi ba selegae, e tlholega fa mowa o o bongôla e foka gotswa bophirima, mme o fodiswe ke metsi a a tsididi a a fa godimo ga lewatle. Seno se pateletsa mowa o o bothitho go ketefala go nna mouwane o o kitlaneng o o aparelang mabala a lobopo, o apesa dimela ka monyô o mosesane wa metsi. Di diragala gantsi ka dikgwedi tsa letlhabula, fa lebelo la diphefo le le kwa tlase, malmokokkies tseno ke ditiragalo tsa ka metlha mme karolo e e botlhokwa ya monono wa kgaolo.

Malmokkies

©Roger DelaHarpe
Boikanyegi jwa malmokkies bo tlaleletswa ke mokgwa o o gakgamatsang wa dipula tsa ka metlha. Go sa tshwane le dikgaolo tse dingwe tsa dikaka, Namaqualand ga e itemogele dipaka tse di telele tsa komelelô. Ka jalo, le fa tshologo ya pula ele kwa tlase, e diragala kgapetsakgapetsa mme seno se letla dimela go tsweletsa tikotshelo ya tsona. Mabaka a tshologo ya dipula tseno ga a tlhaloganyesege sentle. Seemo sa bofela sa bosa se se botlhokwa se se tsweletsang thulaganyo ya felôtshidisanô ya Namaqualand ke diphefo tsa Berg tse di fokang gotswa kwa bogareng jwa Afrika Borwa mariga mangwe le mangwe.
Tiragalo eno e bakwa ke kgatelelô e e kwa godimo ya mowa o o phaphaletseng o o namelelang plateau e e kwa godimo. Mowa jaanong o gogelwa kwa dithulaganyong tsa kgatelelô e e kwa tlase ya mowa go ikala ke lobopo, mme seno se bake gore o ragogele kwa mekgokoloseng ya thaba e e fologelelang. Jaaka o fologelela go ralala dikgophu, mowa o a thuthafala le go nna matsubutsubu. Ditlamorago ke diphefo tse di mogote tse di phaphaletseng tse di fokang go kgabaganya mabala a lobopo. Kwa Namaqualand le Richtersveld, diphefo tseno tsa Berg di baka dithemphoritšhara tse di bothitho tsa mariga tse di letlang dimela le diphologolo go gola le go tsadisa.

Translated by Nchema Rapoo