Tsela ya go Jala Dithunya tsa Momela tsa Gago

© Chris Daly

Dithunya tsa momela – Ke Setswakwa se se Botlhokwa mo Biring

Dithunya tsa momela ke dithunya tse di omisitsweng tsa ditshadi tsa morara wa Humulus lupulus, go tswa mo lelapeng le le tshwanang jaaka Motokwane. Go le gantsi a dirisiwa jaaka setswaki se se botlhokwa mo biring me e na le bokana ba kumo jo bo galakang, tatso e e tlhabang ya fa e dira jaaka sesomarelanjo sa tlhago.

Morara wa sethunya sa momela ka kakaretso se botlhofo go se jala mme se ka fitlhelela go ya 7.6 m mo setlheng, se ntshakumo ya dithunya tsa 900 g tse di omisitsweng.

Go Rulaganya go Jala Dithunya tsa Gago tsa Momela

©Chris Daly
Kgato ya ntlha mo go jaleng dithunya tsa gago tsa momela ke go swetsa gore ke pharologano efe ya sethunya sa momela go jala ka ge di fetang 80 ya mefuta e e farologaneng ya go tlhopha mo go tsone. Sethunya sa momela se kgaoganngwa ka ditlhopha tse tharo: go galaka, monko le bobedi, go ya ka maikaelelo a bona. Mefuta e mengwe ya sethunya sa momela se farologane mo Aforika Borwa go akaretsa Kgosigadi ya Aforika, Monko wa Borwa le Naledi ya Borwa.

Fa o ka tlhopha mofuta o o farologaneng wa sethunya sa momela o tla tlhoka go bona medithola. Medithola ya sethunya sa momela ke karolo ya modikotana wa semela. Ba bonala jaak diterebe tsa morara kgotsa dikotana le go nna le makukunya mo semela se se ntšhwa se ka gola. Medithola e tshwanetse go kolobetswa, e tshwanetse go bewa mo kgetsing ya polasetiki le go tsidifatswa go e tshola e le tsiditsana. Di ka nna tsa tsholwa ka tsela eno dikgwedi di le mmalwa kwa ntle ga kgoreletso.

Lefelo le le Gaisang la go Jala Dithunya tsa Momela tse di Omisitsweng

Dithunya tsa momela di tlhoka sebaka se se tsepameng ka ge do golela kwa godimo thata. Ga di a tshwanela go jalwa mo teng ga ntlo, ka ntlha ya lebaka le. Kgaolo e e siameng e tlaa nna le bonnye dimitara di le tharo go ya go tse thataro ka boleele go ya kwa godimo, sebaka sa go ikatisa sa go pagama. Go botoka go kopanya tsamaiso ya tshegetso go tshegetsa dithunya tsa momela jaaka di gola – ga o a tshwanela gore ot letlelele dithunya tsa momela di golele mo godimo ga dipalo tsa motlakase. Gape go tshwanetse go nne teng sebaka se se lekaneng mo mmungs gore medithola ya dithunya tsa momela tse di omisitsweng go jwalwa metara mo bogareng ka bonnye dimetara tse 1, 5 se katogile gareng ga mefuta ya dithunya tsa momela e e farologaneng.

Kgaolo e o tlhopha go jwala mo go yona le yona e tshwanetse go nna le bonnye jwa diura di le thataro go ya go di le robedi ka marang a letsatsi le letsatsi. O tshwanetse go leka go jala mo lefelong le phefo e e mokawana le kgamolo e e siameng. Fa kgamolo e le bothata o ka aga mmoto wa sethunya sa momela go tswa mo mmung le motlhaba/motswako wa motlhaba go dira malao a go jala a a repileng.

Mmu o o Siametseng Dithunya tsa momela

Dithunya tsa momela ga di mele fa go na le bongola bo bontsi. Mmopa o o kitlaneng o tla tlisa go ema ga metsi seo se tla bodisang medi le go bolaya semela sa gago. Mmu o o siameng wa dithunya tsa momela o tshwanetse go nna o o ripileng le marose. Netefatsa gore o tlosa ditlhopa tsa kitlano tse digolo, matlapa le mefero go tswa mo mmung pele ga go jala. Suga mmu go fitlha disentimetara tse 30 ka boteng. Gape o ka nontsha mmu wa gago ka dijo tsa marapo kgotsa bupi jwa madi. Ka go bua ka kakaretso, mmu o o jalwang merogo le maungo o tshwanetse go dirwa go jala dithunya tsa momela.

Bajali ba rulagantseng sentle, mmu o o siameng mo dilong tse di rileng di ka mokgwa o o latelang:

pH ya 5.5 - 8.0.
Kgokagano ya kakaretso ya dikotlo le potasiamo (K) le foseferase (P) ke bokana ba oketsego ya naeterojene.
Borone (B) go batla diminerale e bile ke mosola wa go jala dithunya tsa momela.

Nako e e Siameng ya go Jala Dithunya tsa Momela

©Chris Daly
Go botoka thata go jala dithunya tsa momela ka mariga le nako ka nako e ntsi pele fa o tlhoka go roba ka selemo. Go jala medi ya gago pele ga nako go botoka go na le go jala morago ga nako. Medithola e ka kgona go emelana dithempheretšha tse di leng kwa tlase jaaka -6 ℃. Dinako tse di siameng go jala ke go tswa mo go Motsheganong go ya go Phukwi.

Tsela ya go Jala Dithunya tsa Momela/Medithola

Epa mosima wa boteng ba disentimetara tse 10 mo mmung, bonnye bo ka nnang boleele jwa modithola o o batlang go o jala. Baya modithola ka thapamo mo mosimeng. Lebelela sentle mo moditholeng le go netefatsa gore medi e leng teng e lebane go ya kwa fatshe fa makukunya a masweu a beilweng mo maemong lebeletseng kwa godimo. Dirisa diatla tsa gago go katela mmu mo godimo ga semela. Jaanong o ka kgona go khupetsa dithunya tsa momela ka llaga ya letlhaka kgotsa kobelo go thibela kgolo ya mefero. Baya leitlho mo mmung, go o tshola o le mongola go fitlha semela se simolola go tswela kwa ntle.

Translated by Lawrence Ndou