Tsela ya go Jala Di-Cherry

© Louise Brodie

Go jala di-cherry tse di tswina, Prunus avium, go na le dikgwetlho tse di rileng. Seno ga se akaretse fela tlhwatlhwa e e kwa godimo ya go tlhoma tshimo, R250 000 - R300 000/ha ka 2018, fela le thobo e e sa lekalekaneng le go angwa bonolo ke maemô a mmu le a bosa. 

Di-cherry gape ke dijalo tse di enyang ka go kabakanya, di tlhagisa thobo e e kwa godimo ngwaga mongwe mme di tlhagise kotulô e nnye mo ngwageng o o latelang. Dijalo tse dingwe tse di enyang ka go kabakanya ke motlhware, dinamune, diapole le manoko.

Go Lema Di-Cherry

©Louise Brodie

Ditlhare tsa cherry di ka jalwa fela mo dikarolong tse di rileng mo Afrika Borwa. Di ithatela mariga a a tsididi mme ga di rate selemo se se mogote, phefo kgotsa mouwane. Mo godimo ga fao, ditlhare tsa cherry di tshaba phytophthora ya modi le bollworm. Dinonyane di rata di-cherry mme di ka ja go fitlha go 10% ya kotulô. Go jala di-cherry ka fa tlase ga letloa ke tharabololo ya bothata jo. Marang a letsatsi a a fetang selekano ka mariga a ka baka phiso ya letsatsi, e e oketsang go runya ga diso tsa bacteria. Go thibela phiso ya letsatsi, moriti wa tshokologo kgotsa 50% ya letloa la moriti e a gakololwa. Di-cherry di angwa bonolo ke polo ya modi mme di ithatela mmu o o repileng o o ntshitsweng metsi sentle ka pH ya 6. Goya ka rabonetetshi wa mmu eleng Nelius Kapp, di-cherry jaaka ele maungo a a tlhotlhoregang, di ka tlhoka nitrogen, potassium le phosphorus. Tse dingwe gape tse di leng botlhokwa ke boron, zinc le manganese. Ditshekatsheko tsa mmu le matlhare di tlile go supa ditlhokegô tse di nepileng. 

Mo dikgaolong tsa Afrika Borwa tsa tshologo-pula ya mariga, di-cherry di tlhoka nosetsô go bona kgolô e e botoka le boleng jwa leungo, fela di na le ditlhokegô tsa metsi tse di kwa tlasenyana, tse di ka etsang bonnye jwa 50% mo heketareng fa go bapisiwa le diapole, ka sekai. Nosetsô ya rothiso ka tlaleletso ya dikotla mo nosetsông e a ratega go na le nosetsô-potlana, e e ka tsweletsang pele go runya ga diso tsa kala. 

Ditlhare tsa cherry di ka rekwa gotswa kwa majalêlông a ditlhatshana; tlhopha ditlhare tse di jadilweng ka go gokelelwa mo medi-jalong e e siameng e e jaaka Gisela 5 kgotsa Malaheb tse di itshokelang mariga. Ka go oketsega, motseletsele wa medi-jalo ya Maxima e a diriswa. 

Di-cherry tse di tswina di tlhoka tulafatso e e kopaneng, ka jalo tswakanya mefuta fa o reka. Jala mofuta wa sedulafatsi morago ga setlhare sengwe le sengwe sa bobedi goya go sa botlhano. Di-cherry tse di botšarara di a itulafatsa. Mo temông ya cherry ya kgwebo, mabokoso a dinotshe ale robongwe goya go 12 mo heketareng a dirisetswa go dulafatsa cherry. 

Tlhagiso ya maungo e simolola morago ga dingwaga di le tharo mme tlhagiso ka botlalo e fitlhelelwa fela morago ga dingwaga di le thataro goya go supa.

Kotulô ya Di-Cherry

©Louise Brodie

Di-cherry ke maungo a a sa butswetseng fa fatshe - seno se raya gore di kgetlwa fa di budule ka botlalo mme ga di butswetse pele morago ga kotulô. Di-cherry ke dijalo tse di nang le setlha sa kotulô se se khutshwane thata. Kotulô ya cherry mo Afrika Borwa e simolola go tloga ka beke ya bo-41 - beke ya bobedi ka Diphalane, mme e wela mo bekeng ya bo-51 goya kwa bokhutlong jwa Sedimonthole, fela mefuta e e rileng le kotulô e e thari mo dikgaolong dingwe di ka atolosa setlha go tsenelela mo bogareng jwa Ferikgong. Kgetlo ya cherry ke tiro e e bokete ka ge e tlhoka go ka kgetlwa ka seatla mme dikalana di saletse.

Tshimo e tlile go kgetlwa makgetlhô a a fitlhang thataro mo setlheng. Di-cherry tse di kotutsweng di tlhoka go ka rurufatswa goya go 0.5°C ka bonako jo bo kgonagalang; seno gantsi se dirwa ka go dirisa setsidifatsi se se dirisang metsi. 

Maemô a polokelo-kgwebo a a gaisang ke 0.5°C ka bongôla jwa 95%. Ka ntlha ya mokgwa o o tseneletseng wa tshenyego wa di-cherry, leungokobolwa le le boleta, letlapi le le sesane le go butswa ga ka bonako, bontsi jwa di-cherry tsa Afrika Borwa di tsamaisiwa ka sefofane. Fa di tsamaisiwa ka sekepe, go botlhokwa gore themphoritšhara ya thapo ese fete 0℃. Tshelo-poloko e telele go gaisa ya cherry ke malatsi ale 21 gotswa mo kgetlong goya kwa modirising wa bofelo.

Translated by Nchema Rapoo