Tsamaiso ya Thupiso ya Basadi ya Sepedi

© Dr Peter Magubane

Thupiso ya Byale

Mo letsatsing le thupiso ya bogwera ya banna ba Bapedi e khutlang ka lona, byale (thupiso ya basetsana) bo simolotse. Ke fela basetsana ba ba tsenetseng modiro wa bonana ba letleletsweng go rupiswa. Ka thusano le basadi ba segolwane, byale bo ne bo kaediwa ke mohumagadi yo mogolo wa kgosi. Le fa kgosi e ne e rwele maikarabelo le taolô ka kakaretso ya byale, o ne a sena seabe ka tlhamalalô mo go jona ka tsela efe kgotsa efe. 

Basetsana ba ne ba bilediwa kwa kgorong ya kgosi ka go letswa ga lonaka lwa ntwa (phalafala). Ba ne ba iswa kwa lefelong le le itlhaotseng kwa sekgweng kwa meriri yotlhe ya bona e neng e bêolwa. Bommaabone ba ne ba ba neela khiba e e kgethegileng ya letlalo (kgakgo) e ba neng ba e apara fa pele, e patagantswe le khiba ya kwa morago (nthepana). Ba ne gape ba apara sekhete se se khutswane (gentswana kgotsa nyebelese).

Mokgwa wa gentswana o lerilwe kwa tshimologong ke baanamisa-tumelo fela o fetogile karolo ya moaparo o o supang bosetso. Mebele ya bona e ne e motwa ka motswako wa letsoku le mafura, morago ga fao ba ne ba tshwanetse go ya kgonnye le go boela kwa kgorong ya kgosi mo bosigong. Pele ga tlhabô ya letsatsi ba ne ba tlhomaganngwa goya ka tatelano ya maêmô mme ba alafiwe ka melemô ya tshireletso. Seno se ne se selwa morago ke dikgwathiso tsa bongwe goya ka tatelano ya maêmô, pele ba gwantisetswa kwa sekgweng.

Kwa lefelong le le itlhaotseng ba ne ba tsenela thupiso e e seng ya nnete e e tshosang e e etsisang e e tsenelwang ke basimane. Basetsana morago ba ne ba iswa kwa lefelong-thupiso kwa ba neng ba tlhaolwa sebaka sa kgwedi. Ka nako eno ba ne ba amogela dithupelelo ka ga ditiro tsa basadi.

Ba ne ba rutwa go tlotla banna botlhe, segolobogolo kgosi, ba ne gape ba neelwa thupiso mo ditemeng tsa thobalano mme ba rebolelwa ditekô tsa itshoko. Kopelo le go bina di ne di tshameka karolo e e botlhokwa mo byaleng mme moropa o o kgethegileng, o gantsi o neng o tsholwa ke kgosi, o ne o dirisetswa tiro eno. 

Morago ga Tlhaolô

Morago ga tlhaolô, basetsana ba ne ba tlhapa mme ba tseye karolo mo dithulaganyong-mediro mme morago ba letlwe go boela gae. Mo metlheng ya bogologolo maoto a bona a ne a bofelelwa mmogo fa mangoleng mme mebele ya basetsana e ne e apeswa go tloga mo molaleng go fitlha kwa diretheng ka meseme ya bojang. Ba ne ba tshwanela ke go nna mo legatong leno la phetogelo sebaka sa dikgwedi di le robongwe, kgotsa go fitlha thôbô e kotulwa. Mo dinakong tsa ga jaana paka eno e fokoditswe mo go utlwalang, go akaretsa ditlhôkô tsa sekolo sa sekgowa.

Ka nako eno majale a ne a thusa bommaabona motshegare mo ditirong tsa bona tsa fa gae mme mo bosigong ba boele kwa ntlong e e kgethegileng (thupantlo) e e neng e agilwe fa morago ga magae a kgoro nngwe le nngwe. Fano thupiso ya bona e ne e tswelela ka mokgwa wa dipina tsa bojale tse di kgethegileng le poeletso ya meetlo ka modumo o o sa fetogeng. 

Kwa konosetsong ya byale, majale a ne a bewa ka go itlhaola kwa sekgweng sebaka sa malatsi a ka nna 10 fa dikomana (diphiri tsa bojale) di ribolwang go bona. Majale a ne a tsenngwa mo mophatong, o moetapele wa ona e neng ele lejale le le golwane. Gape, meriri ya bona e ne e bêolwa mme ba tlhape, morago ga fao ba motwe ka mafura le letsoku. Morago ba ne ba bolola goya kwa kgorong ya segosi, kwa ba dulang malatsi ale mabedi. Mo nakong eno lejale le ne le itsagale jaaka sealoga. Fela fa paka eno e sena go feta, ba ne ba tlhapa mo nokeng labofelo.

Batsadi ba bona ba ne ba ba neela diaparo tse di ntšhwa, tse di neng di akaretsa khiba ya fa pele e e nang le megala ya mosetsana yo a sa nyalwang le, go fitlha kwa diretheng, khiba ya kwa morago ya basadi ba ba nyetsweng (nthepa). Ba ne ba apara mofuta o mo telejana wa hempe kgotsa nyebelese. Ba ne ba fetola mologo wa moriri go nna tlopo, e mo go yona moriri o dirwang phaphathi mo godimo ga tlhogo mme moriri wa lemorago le wa letlhakore o bêolwa.

Seno e kile ya be ele tsela e moriri wa basadi ba ba siametseng go nyalwa le ba ba nyetsweng e nnang ka teng, fela tiriso ya yona ga jaana e fela mo majaleng. Mosetsana yo o rupisitsweng ga jaana o ne a itsagale jaaka mothepa, legato le le isang kwa thupisong ka botlalo (kgarebe). Morago ga seno mosetsana o ne a siametse go nyalwa. 

Basetsana ba Bapedi ba fetile mo magatong a kgolo le kamogelo mo setšhabeng: lesea; mosetsana; lethumasa (mosetsana yo a sa rupang); kgarebe; sealoga (leloko la paka e khutswane ya phetogelelo; mothepa (mosetsana yo o rupisitsweng); kgarebe (mosetsana wa seemo sa bogodi se se amogetsweng). Fela, mosadi o ne a fitlhelela seêmô sa go nna mosadi fela fa ane a nyetswe mme tsetse ngwana. 

Translated by Nchema Rapoo