Tsa Raisins

©Louise Brodie
©Glenneis Kriel

Raisins ke meretlwa ya diterebe tse di omisitsweng mme lefoko raisin, mo bonneteng, ke lefoko la Sefora la terebe. Raisins di tlhagisetswa kgwebo, ka go omisa meretlwa ya terebe e e kotutsweng, mme ka kakaretso di tswina, ka ntlha ya bosukiri jwa tsona jo bo kwa godimo. 

Raisins di tlhagiswa mo bontsing jwa dikgaolo tsa lefatshe tse di bothitho di omeletse. Mefuta ya raisin e ikaegile ka mofuta wa terebe o o dirisetswang go dira raisins mme ka jalo go na le mefutafuta e e atologileng ya mebala le bogolo, e e akaretsang ntsho, borokwa, phepole le serolwana. Go na le ditlhopha ka bophara di le tharo tsa raisins: Setlhopha se se itsagaleng thata ke sa raisins tse kgolo tse di tswina tse di borokwa jo bo fifetseng kgotsa tse di phepole. Setlhopha sa bobedi ke raisins tse kgolo tse di tswina tsa mmala wa gauta, tse di itsagaleng gape jaaka sultanas. Setlhopha sa boraro ke raisins tse di nnye tsa tatsô e e botšarara tse di ntsho, gotswa mo diterebeng tse di ntsho tsa Corinth tse di senang dithapo, mme ke di raisins tse di itsagaleng gape jaaka currants.

Translated by Nchema Rapoo

Tlhagiso ya Raisin

Turkey ke motlhagisi yo mogologolo wa raisins mme e santse ele naga e e tlhagisang raisin ka bontsi go feta mo lefatsheng....more