Nosetsô (Irrigation)

©Louise Brodie
Nosetsô ke thebolo ya metsi mo lefatsheng e e itiretsweng ke motho go godisa dijalo kgotsa dimela dingwe le dingwe ka mokgwa wa diforo, dikanale kgotsa dipeipi mo lefelong le mo go lona dipula di sa kgoneng go neelana ka metsi a a tlhokegang mo tsweletsong ya kgolô le tlhagiso ya dimela.
Jaaka palo ya batho mo lefatsheng e oketsega mme dithulaganyo-tshedi le metswedi ya tlhagô e ntse e diriswa botlhaswa le go bewa ka fa tlase ga kgatelelô e kgolo, metsi a a foreshe ka bonako e ntse e nna sengwe se se botlhokwa thata morago ga mowa o o phepa mo lefatsheng. Ka jalo, go tota go le botlhokwa gore mekgwa le dithulaganyo tse di botoka mme di diragatsa bontle di dirwe go somarela metsi le go tswelela go tlamela mo go tlhokegang go dintshô tse di tswelelang go oketsega tsa dijalo gotswa mo karolong ya mmu.

Mefuta ya Dithulaganyo tsa Nosetsô

Mefuta ele metlhano e megolo ya nosetsô e tlhaloswa le go bontshwa fa tlase fano.

Nosetsô ya Makatanamane

©Louise Brodie
Ke fa metsi a fetiswang ka mosele go tsena mo tshimong mme a letlwe go tamisa boalô jotlhe jwa karolo e e lemilweng. Seno ke mokgwa wa bogologolo mme ga e sale o diriswa dingwagakgolo di le di ntsi.
Fela o tletse tshenyô thata mme ka jalo o a fedisa ka ntlha ya tlhokego ya metsi. Ono gape ga se mokgwa o o nepagetseng mme o ka isa kwa goreng mmu o tame metsi.

Nosetsô ya Kgasô

©Louise Brodie
Seno ke fa metsi a kgarametswa ka pompo kgotsa maatlakgogedi goya kwa ntlheng ya tiriso kwa metsi a kgarametswang gotswa ka tlhogwana kgotsa nozzle ka fa tlase ga kgatelelo ya bonnye 35 PSI (pounds per square inch - unit ya tekanyetso ya kgatelelô ya metsi), seno se dira phêthêne ya kgasô mo lefelong le metsi a tlhokegang mo go lona. Digasi tse di tlwaelegileng thata ke Impact Sprinklers tse di dikoloswang ke kgatelelô le thulanô tsa metsi le lebelo la letsogo la segasi.

Nosetsô ya Pinagare

©Louise Brodie
Enô ke thulaganyo ya kgasô e e itaolong mme e kgweetswa ke motlakase kgotsa maatla a metsi a a kgweetsang thulaganyo e e itaolang e e dikolosang maotwane ao letsogo la peipi le e atologelang goya kwa ntlheng e e kgakala gotswa kwa motsweding wa metsi. E ka tsamaya mo tshekeletseng ka botlalo kgotsa mo karolwaneng nngwe le nngwe ya tshekeletsa e e tlhokwang. Digasi tse di mo logareng di tlile go nna nnye mme di rebole metsi a mannye, mme digasi di tlile go oketsega ka bogolo le go ntsha metsi ale mantsi fa di ntse di atologa le letsogo, mme segasi se se golo go gaisa se tlile go nna kwa bofelong jwa letsogo ka gore ke fao pinagare e tsamayang ka bonako mo godimo ga mmu teng, ka jalo metsi ale mantsi a tlile go gololwa mo nakong nngwe le nngwe.

Nosetsô ya Thotetsô

©Louise Brodie
Seno se kaiwa fa ele thulaganyo e e tshomarelo-madi ebile e diragatsa bontle go gaisa, mme e ntse e diriswa thata jaaka metsi a tswelela go nna sewelo. Ka nosetsô ya thotetsô, dikgatelelô tse di kwa tlasenyana tsa magareng ga 15 le 25 psi di a tlhokega go ka tlamela metsi. Metsi a rebolwa ka dirothisi tse di rothetsang marothodi ka tlhamalalô mo mmung, mme di tsepamisa tshêlô mo karolong ya medi gaufi le kutu. Mo mabakeng a mangwe, dipeipi tsa thotetsô di alwa ka fa tlase ga mmu gore metsi a rebolwe ka tlhamalalô go tsena mo karolong ya medi, mme seno se fokotse tatlhegelô ya metsi ka ntlha ya mowafalo le go fokotsa kgolô ya mofero go dikologa sejalo.
Mo nosetsông ya thotetsô metsi a tshwanetse go tlhotlhwa sentle ka ge masaledi mangwe le mangwe a a ka letlelelwang mo dipeiping a tlile go thiba diphatlhana tse di mo dipeiping. Seno se thata go tlhokomelwa fa dirothisi tsotlhe di dira.

Nosetsô ya Kgasô-potlana

©Louise Brodie
Kgasô-potlana ke kopano magareng ga nosetsô ya kgasô le nosetsô ya thotetsô. E na le mengwe ya melemo le masula a mefuta ka bobedi. Jaaka ka nosetsô ya thotetsô, nosetsô ya kgasô-potlana e kaiwa fa ele nosetsô ya kgatelelô e e kwa tlase mme gantsi e kgona go dira mo dikgatelelông tsa magareng ga 15 le 25 psi.
Nosetsô ya kgasô-potlana e baka karolo e e metsi e kgolo go feta ya nosetsô ya thotetsô, go e dira maleba go nosetsa ditlhare, mealô e megolo ya merogo le dikgaolo tsa mebu e e motlhaba thata e e fetisang metsi. Mowafalo e kwa godimo mme go sa tshwane le thotiso, e oketsa go nna teng ga mefero go dikaganyetsa kutu ya sejalo sa gago.

Translated by Nchema Rapoo