ya Trellising

Tshobokanyô ya Trellising

©Louise Brodie
Trellised vines in the winter. The two cordon arms of the vine can be seen running along the cordon wire.
Morara ke sejalô se se monamô mme thulaganyo ya trellising e tshwanetse go dirisiwa go ka fitlhelela ntshô-kungô e e kwa godimo ya tshimo kgotsa go tlhagisa ntshô ya boleng jo bo kwa godimo le go nolofatsa temô ya tshimo. Mesola ya trellising e akaretsa tshedifalô e e botoka mo merareng le mononô wa lekukunya o o kaonafetseng. Seno se isa kwa koketsegong ya boalô jwa letlhare le go tlhofofatsa mekgwa ya temô. Tiriso e e magoletsa ya marang a letsatsi e botlhokwa mme bogolo jwa boalô jwa letlhare bo tlisa tsamaiso e e magoletsa ya photosynthesis. Mela e e lebileng bokone-borwa ke tiriso e e botoka ya marang a letsatsi, fela mo dikgaolong tse di bothitho e ka baka tshenyô ka letsatsi.
Dithulaganyo tse di farologaneng tsa trellis ga jaana di a dirisiwa mo bodirelong. Mo temông ya mofeine dithulaganyo tse nne tse di latelang di a dirisiwa: pergola, hedge, mechanical le thulaganyo tse dingwe. Dithulaganyo tsa trellis tsa diterebe tsa mo tafoleng gantsi di kwa godimo ka ntlha ya go tlhoka tlhokomelo ya diatla e e magoletsa ka jalo di tshwanetse go fa badiri ka fa tlase ga sejalô sebaka sa go tsamaya. Mofeine o o batliwang le ona o laola bogolo jwa thulaganyo ya trellis: dithulaganyo tsa bogolo jo bo mo magareng go ya go jo bo nnye go ntsha boleng jo bo kwa godimo le ntshô e e kwa tlase mo boemong jwa bosa jo bo tsedifetseng; mme dithulaganyo tse di kgolo mo ntshô-godimo ya mofeine mo boemong jwa bosa jo bo bothitho. Phosô e e tlwaelegileng ke go dira thulaganyo ya trellis e nnye thata ya tlhwatlhwa-tlase e e sa kgoneng go tshwara kgolô.

Go Tlhama Thulaganyo ya Trellis

©Louise Brodie
Morago ga paakanyô ya mmu le jalô ya merara, go a kgonagala go ka aga thulaganyo ya trellis. Go êlêdiwa gore go tlhomiwe dipala pele mme go jalwe merara morago. Dipala tsa logong le megala ga e bonwe bonolo mme e tshwanetswe go rekiwa pele ga nako. Mo Afrika Borwa, dipala tsa logong tse di kgonang go tshwara kgatelelô ke tsona gantsi di dirisiwang mo thulaganyong ya trellis, fela mo matsatsing a go tsene mokgwa wa go tswa mo mokgweng ono. Batlhagisi bangwe ba setse ba simolotse go dirisa dipala tsa konkoreite, polasetiki le tshipi.
Mesima ya tshetlegi e supiwa pele mme morago go bofiwe ditshetlegi morago tshetlegi e tlhomiwe. Kwa go nang le diphefo tse di maatla, dipala di tshwanetse go epelwa kwa boteng. Lebaka le legolo la tshetlegi ke go setlega trellis le go thibela dipala go wela ka fa gare le megala go nyema. Pala ya konkoreite jaaka tshetlegi kgotsa pala ya tshipi e dirisiwa mo mmung o o matlapa. Morago ga go epa mesima yotlhe ya dipala, simolola ka go tlhoma dipala tsa mela e e kwa ntle pele mme go latele dipala tsa mela e e mo gare. Pala ya tshetlegi e dirisiwa kwa bokhutlong jwa mola mme gantsi e tlhomiwa tshekamelô-ntle.
Dipala tsa trellis di tshwanetse go epelwa boteng jo bo mo magareng a 45 le 60 cm mme sekgala-magareng sa dipala se seke sa feta 7 metres. Gore go kgonwe go diragatsa tsamaiso e e siameng ya borulêlô morago-nyana, mogala wa borulêlô o a dirisiwa gore matlhare le matlhogela a tlhabiwe ke letsatsi. Mogala wa borulêlô o bofiwa ka mogala o o fetang mo phatlhaneng e e mo paleng kgotsa ka setlapiso mme ga wa tshwanela go gogiwa thata go fitlha ditshetlegi di bofiwa sentle. Mogala wa terata o tshwanetse go bofiwa mo thapameng kgotsa fela fa go le mogote. Seno se tla thibela gore megala e rêlêlê fa go fisa. Megala ya bothibêlêlô le borulêlô are tsenyiwa mo gare ga dipala tsa trellis. Dikalana le matlhogela di bofelelwa mo megaleng eno gore diterebe di tlhabiwe ke mowa le letsatsi.

Translated by Nchema Rapoo