Touriga Nacional

© Vititec

Tlhaloso

Touriga Naçional ke terebe e khibidu ya mefuta e e dirisiwang thata mo tsweletsong ya mofuta wa port ya metswako, fela mo that mo malatsing ano gape e tsweletsa diveine tse omileng tse khibidu. Peresente ya yona e itsiwe.

Tshimologo

Ka kakaretso, tumalano key a gore Touriga Naçional e simolotse kwa Bokone jwa Portugal, fela go sa ntse go na le dingwe tsa dipuopuo puisano mo goreng kae tota. Mogorogoro wa Douro o ipela ka gore ka fa tse di farologaneng di na le medi gona fao, ba ngangela mokgwa o e neng bitswa ka morago ga motse selegae wa Douro, touriga; fa Dão ba ipela fa kwa go bona e leng tshimologo ya mefuta ya dijalo.
Go sekaseka ga DNA, go fitlha fano, go ikaega ka mo leineng la Dao’ e supang kgaolo e e ka nna le go dirwa ga e tshwanang le yona go tswa kwa godimo go tsa mefutafuta ya Touriga Naçional go feta Douro. Go ikaegilwe ka dipholo, gape e bontsha gore mefuta e farologaneng fela e gorogile mo Douro morago ga dingwaga lekgolong la 18 e fetileng.
Touriga Naçional ga se moefuta e e farologaneng e e jetsweng go gaisa kwa Portugal, mme ga jaanong ke ya ntlha e nngwe e e nang le boleng ho bo siameng.

Maina a Mangwe

Palo ya maina a tswanang e teng, go akarediwa Touriga, Touringa, Mortágua, Turiga le Bical Tinto.

Tsweletso mo Aforika Borwa

Touriga Naçional e ne ya goroga mo Aforika Borwa ka bo1970. Diveine tsa Overgaauw, gaufi le kwa Stellenbosch, e ne e le ya ntlha ya go jwala ka bo1970, go bonala go ka oketsa bothata go sa mefuta ya bogologolo ya diveine tsa Port wines.
Ka 1992, legae le e ne e le la ntlha mo nageng ya rona go tsweletsa Port ya mefuta e e farologaneng go tswa go ditereeb tsa Touriga Naçional. De Krans gaufi le Calitzdorp mo Klein Karoo e jetse Touriga Naçional ya yona ya ntlha ka 1984 mme ka 2000 e ne ya nna legae la ntlha la veine mo nageng la go tsweletsa veine ya bongwe ya mefuta e e farologaneng.

Dikgaolo tsa Tsweletso

Tsweletso e sa ntse e le nnye mo Aforika Borwa, bonnye e ka nna diheketara tse 100 tse jetsweng ka fa tlase ga mefuta e e farologaneng mo ka 2016. Go feta halofo ya dijalwa tse di fitlhetswe mo Swartland le Klein Karoo.

Kgolo

Mofuta o o farologaneng ke e golang ka bonako, mme e tsweletsa thobo e e kwa tlase ya go fitlha k akakaretso magareng ga 8 t/ha go ya go 10 t/ha.

Go Butswa

Diterebe di butswa morago fa gare ga setlha, go tsweng magare a kgwedi ya Mopitlwe.

Borekhu

Tsa mefuta e farologaneng ke tse dinnye, borekhu jwa sebopego sa bolee ka matlalo a a makima, a mantsho. Bo na le moutlwalo wa maungo wa go bonagala thata.

Matlhare

Mefuta e e farologaneng e na le a matala a bofefo, matlhare a bogolo jo bo mo Magareng le go nna sediko le bophara go ya tlhogong ya marote a matlhano.

Disenyi le Malwetse

E ka tsenya kotsing ke monyo wa botlase o o boleta.

Tiriso

Mo Aforika Borwa e dirisiwa go dira e le nngwe ya mefute e e farologaneng le go tswakwa ka lenaneo la tafole le diveine tsa mefuta ya port tse di sireleditsweng. Metswako gantsi e akaretsa tsa mefuta e mengwe ya Sepotokisi, jaaka Verdelho, Souzão, Tinta Barocca le Tempranillo.

Tatso

Mefuta e e farologaneng e tsweletsa muotlwalo e amanang le borekhu jo bontsho, mmurubele, dithunya tse perese, diroso le tšhokolete e e lefifi chocolate.

Translated by Lawrence Ndou