Toropo ya Vredefort

© David Fleminger

Motse o o Didimetseng

Le mororo toropo ya Vredefort e file leina la yona kwa go Kgolokwe, ga gona dilo tse dingwe tse dinnye tsa go ngoka baeng mo motseng o o didimetseng. O ne wa tlhongwa ka nako e e tshwanang le go tlhonngweng Parys, go bonala ka ntlha ya go sa dumelane magareng ga batlhabolodi ba thoto le beng ba lefatshe ba selegae, mme kwa tshimologong go ne go na le kgaisano magareng ga ditoropo tse pedi. Vredefort e ne ya alwa ka 1876 mme ya nna toropo ka 1881.
Leina, bokao Kago ya Phemelo ya kagiso, e na le tlhago ye e rileng. Bangwe ba re leina le kaya kagiso ye e neng e utlwiwa ke baagi ba selegae ba balemerui ka gonne ba ne ba na le kereke mo tikologong. Ba bangwe ba dumela gore e amana le go sa dumelane magareng ga maburu a Teransefala le Foreisetata, seo se neng sa dirwa ka kagiso ka borenti le dikoeksuster mo polaseng ye e gaufi.

Riemland

La ntlha, batho ba kwa Vredefort e ne e le karolo ya ikonomi ya go tsoma e e neng e atologa mo Porofenseng yotlhe ya bokone pophirima jwa Foreisetata. Kgaolo eno e ne ya bidiwa Riemland, ka ntlha ya ditshega tsa letlalo. (Rieme) tseo di neng tsa tsweletswa jaaka kungwana ya go tsoma. Morago ga moo, temothuo e ne ya fenya jaaka tiro e e botlhokwa ya kgwebo mme Vredefort e ikgantsha ka sete ye e tlhagelelang thata ya difala tsa korong mo thoko ga toropo.
Gompieno, go iphaka go go golo ga botumo jwa Vredefort ke jaaka ‘lefelo le le leng gaufi le go thuntsa’; lefelo leo naledi e e mogatla ya kwa Vredefort e iteileng mo Lefatsheng le khubu ya masetlapelo a lefatshe. Ka maswabi, ga go sa tlholego na le ditshupo tsa thulo e e boitshegang e.
Go na le tlhatlogo e e nnye, ya letlapa ka fa ntle ga toropo, so bangwe ba baeng ba swabile nko go feta molomo e ba e tsayang jaaka Kgolokwe ya kwa Vredefort, mme ba dira phoso. Pagama kwa godimo ga go lefika le le sa kgatlhiseng mme o tlhome matlho kwa dithabeng, le gale, mme o tla simolola go nna le kakanyo ya bogolo jwa tiragalo ya thulo.

Toropo e Ntle e Nnye

Lefika le le sa kgatlhiseng le gape ke lefelo le le rulagantsweng la Lefelo la Baeng. Kgato ya ntlha ya tlhabololo e ne e tshwanetse go bula ka 2009 le kantoro ya tshedimosetso, le lefelo la pontsho le legolo ka ditlhomo tsa kgolokwe, lefelwana la kgwebo le botsweretshi le bara ya dijonyana ya selegae.
Kgato ya bobedi e ne e le go akaretsa bobogelo jo bo kwa ntle, ditiro tsa setso, ditshingwana tse di dirilweng boemaphara le lefelo la pikiniki. Le gale,kgatelopele mo porojekeng e ne e emisitswe ka bosakgutleng.
Vredefort ka gale e ne e tshela ka fa tlase ga moriti wa moagisani wa yona o mogolo, Parys, e ntseng fela bokgakala jwa dikhilometara tse 15. Vredefort ga e na noka, ga e na mabenkele a dilo tsa bogologolo mme ga gona mabenkele a bokgabo. E bile go na le tse mmwalwa tsa go tsewa tse di sa itsegeng, mabenkele a mmalwa a didiriswa le lefelo la go baakanya meriri.
Le gale, Vredefort ke toropo e nnye ka kereke e e rategang ya letlapa la motlhaba gape ke naga ya lefaufau la boammaruri. Go na le kgonagalo e ntsi fa, mme ke na le bonnete ba gore go tla nna le tlhabololo e e bonalang mo isagweng.

Translated by Lawrence Ndou