O Tokafatsa Jang Itekanelo ya Mmu

© Francois Viljoen

Goya tlase ga boleng jwa mmu mo Afrika Borwa ke tlhoba-borako mo temô-thuong ya Afrika Borwa. Tshedimosetso gotswa mo dipatlisisong tse di farologaneng e supa fa mmu wa Afrika Borwa o na le seelo se se kwa tlase sa ditswa-tsheding - bontsi jo bo ka nnang 58% ya mmu bo na le khabone e e kwa tlase ga 0.5%, mme ke fela 4% e e nang le go feta 2% ya organic carbon.
Mmu o o fa godimo o o nang le kwa tlase ga 2% ya ditswa-tsheding (organic material kana OM) o kaiwa fa ele “mmu o o suleng” jaaka ge o sena dikotla (carbon) tse di lekaneng go fepa di-microbe. Mmu o o nang le OM e e kwa tlase ga 2% o tlhoka monontsha.
Ditswa-tsheding di akaretsa sere sa organic, microbe tsa mmu (ditlhabego, fungi, bacteria jalo le jalo) le mmutele. Ke metswedi o mogolo wa dikotla, maatla a microbiology mme di tshola metsi le dikotla ka mokgwa o o ka diriswang ka gangwe; di rotloetsa kgolô ya medi, ditshobokô tsa mmu mme di oketsa tsenelelô ya metsi.
Maitlhomo a kumiso ya mmu ga se fela go nna le dikotla tse di lekaneng mo mmung mo setlheng sa jalô, fela le go tsenya ditswa-tsheding mo mmung ka botatalala. Seno se dirwa ka go jala motshotelo o mo tala, go tsenya tirisong tikoloso-jalô crop rotation le mmutele composting.
Mmu o tshwanetse go ka nna le tekatekano, mme lime, phosphate ya majwe le dire tse dingwe tsa ditswa-tsheding di ka dirisetswa seno. Fa godimo ga fao, ke di-microbe tse di mo mmung - bolêlê, tlhabego, fungi le diboko - tse di sweetsang kumiso ya mmu. Di-microbe tseno ke karolo e e botlhokwa ya temô e e atlegileng.
Dikgato tse di botlhokwa go tokafatsa itekanelo ya mmu:
Dirisa ditswa-tsheding mo mmung jaaka di tsosolosa kgolô ya bacteria. Di-microbe tsa mmu - effective microbes (EM) di ka rekwa le go tshelwa mo mmung.
Lema mmu ka bonnye jo bo kgonegang. Temô e e feteletseng e baka gore popego ya mmu e thubege le gore kungô ya mmu e fokotsege.
Tokafatsa phasalalo ya mmu - mmu o tshwanetse go khurumetswa ke serasemela ka bogolo jo bo kgonegang. Seno se tlile go thibela kgogolego ya mmu, go mowafala ga metsi go go sa tlhokegeng le kgolô ya mofero. E nna le seabe gape mo koketsegong ya botshedisano-futafuta jwa mmu. Mmu o ka apeswa ka dijalo kgotsa kobelo, jaaka go tlhalositswe fa tlase.
Oketsa botshedisano-futafuta jwa sejalo. Botshedisano = botshelo le mefutafuta = mefuta e e farologaneng. Motlhagisi wa ditswa-tsheding o tshwanetse go leka go nna le mefutafuta ele mentsi ya ditshedi mo felo-tlhagisong kgotsa mo polaseng. Di akaretse dijalo, ditshenekegi le diphologolo, fungi le bacteria. Fa ditshidi di le ka bontsi mo polaseng, ke mo teng taolô eleng kwa godimo mo tikologong-tshedisano.

Translated by Nchema Rapoo