Toadfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Toadfish

Leina la Maranyane

Batrachoididae

Semeto

E ka nna 57 cm, fa bontsi bo ka nna 17 cm.

Ponalo

Tlhogo e tona, mmele o bopame go ya kwa mogatleng. Molomo le one o mogolo. Motlhagare wa kwa godimo le wa kwa tlase o na le mekgabiso ya matlalo le di-barbels. Megatla ya mokwatla e mebedi, mme ya ntlha e na le mmitwa oo mutsu.
Mebitlwa e mengwe ea bonala mo ditswalong tsa magalapa a yone a go hema. E tlhaba ka botlhole. Tse dingwe di na le di-photophores (dirwe tse di dirang kganya). E mmala wa santa ka me-ento e e lefitshwana go e thusa ka go iphitlha.

Dikitsiso

Lelapa la Batrachoididae le na le mephato e le 23 ka dibopiwa dile 80. Leina le tsewa kwa sebopegong sa yone. E ka fitlhelwa mo santeng kgotsa mo diretseng kwa tlase ga lewatle. E lalela setlhabelo sa yone (Ambush hunter). Tse di tona di dirisa setlha (bladder) sa tsone go dira modumo oo leng kgogedi ya tse di namagadi go atumela sentlhaga sa yone. Te ditona di tlhokomela mae a tsone go fitlhela a thuba mme mmotlana o sena go bona dibeke di ka nna tlhano tsa botshelo.

Dijo

E fepa ka diboko, crustaceans le di-invertebrates.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Brown toadfish - Batrachomoeus dubius
Snakehead toadfish - Batrichthys apiatus
Splendid toadfish - Sanopus splendidus