Tlhagiso ya Terebe ya Tafole

Tlhagiso Boditšhabatšhaba

©Louise Brodie

Batlhagisi ba ba golo go gaisa ba diterebe tsa tafole ba kwa Sephatlo-fatsheng sa Bokone. Naga e e tlhagisang dielo tse di kwa godimo go gaisa tsa diterebe tsa tafole ga jaana ke China, e e salwang morago ke India, Uzbekistan, Italy le United States. Kwa Sephatlo-fatsheng sa Borwa, motlhagisi yo mogolo go gaisa ke Chile, Brazil, Australia le Afrika Borwa.

Tlhagiso ya Afrika Borwa

©Louise Brodie

Afrika Borwa fa e sale e ntse e tlhagisa le go romela-ntle diterebe tsa tafole sebaka se se fetang ngwagakgolo. Bodirelo bo tlhagisa diterebe tse ka bontsi eleng tsa mmaraka wa thomelo-ntle mme bo tsweletse go atologa ka lobelo ngwaga le ngwaga. Diterebe di tlhagiswa mo Afrika Borwa go tloga ka Ngwanatsele go fitlha mo bogareng jwa Moranang.

Dikgaolo tsa Tlhagiso

©Louise Brodie

Go na le dikgaolo-kgolo tsa tlhagiso di le tlhano mo Afrika Borwa. Kotulô ya diterebe e simolola mo kgaolong ya go sale gale mme e tsamaele goya borwa ka lenaneo le le rulaganeng jaaka kgolô ya jalô e tswelela. Kgaolo-tlhagiso ya go sale gale e kwa diporofenseng tsa Bokone tsa Mpumalanga le Limpopo kwa kotulô e simololang ka Ngwanatsele. Seno se latelwa ke kotulô go ikala le Noka ya Orange kwa Kapa Bokone go tloga thari ka Ngwanatsele, mme seno se tsamaela goya kwa Kgophung ya Noka ya Olifants kwa kotulô e simololang mo bogareng jwa Sedimonthole. Dikgaolo tse pedi tsa bofelo ke dikgaolo-tlhagiso tsa Noka ya Berg le Noka ya Hex kwa kotulô e simololang thari ka Sedimonthole. Kgaolo-tlhagiso e e thari go gaisa ke Kgophu ya Noka ya Hex, kwa kotulô e tswelelang go fitlha mo bogareng jwa Moranang.

Mefuta

©Louise Brodie
©Louise Brodie
©Louise Brodie

Bodirelo jwa Afrika Borwa jwa terebe ya tafole bo feta dingwaga tse di etsang ngwagakgolo, fela bo tsweletse go nna matlhagatlhaga mo bonneteng jwa phetogô ya ka metlha. Ke ka ntlha ya maiteko a a tletseng maikaelelo a bajadisi le ditlamo tsa thoto-kitso ga mmogo le bajadi le baromedi-ntle ba ba ikemiseditseng go tlamela bareki ba bona ka setlhagiswa sa maemô a a kwa godimo, gore go tsenngwe mefuta ya terebe ya tafole e mentšhwa le e e tokafaditsweng gotswa go bajadisi ba selegae la ba boditšhabatšhaba ele go tshola bodirelo kwa maemông a ntlha a tlhabologo ya technology le kgaisanelo ya boditšhabatšhaba.

Dithekiso

©Louise Brodie

Diterebe tsa Afrika Borwa di romelwa-ntle goya kwa Afrika, Borwa Botlhaba jwa Asia, Botlhaba-Gare, Ditlhaketlhake tsa Lewatle la Indian, European Union, United Kingdom, Russian Federation, Canada le USA. Bogolo jwa thomelo-ntle ya diterebe tsa Afrika Borwa bo santse bo ya kwa mebarakeng e e botlhokwa kwa Yuropa le UK. Bontsi jo bo ka etsang halofo ya diterebe tsa Afrika Borwa tse di romelwang-ntle di romelwa kwa European Union mme mo go ka nnang 25% go romelwa kwa United Kingdom.

Ditiriso

©Louise Brodie
©Louise Brodie
©Louise Brodie

Diterebe tsa tafole ka bogolo di jewa di le foreshe jaaka maungo kgotsa di diriswa mo disalateng kgotsa di tsholwa le dijo tsa cheese. Diterebe ke motswedi o o manontlhotlho wa di-Vitamin C le K ga mmogo le di-vitamin dingwe di le mmalwa le dikotla. Diterebe di humile ka di-antioxidant, go akaretsa resveratrol le flavonoids ga mmogo le fibre ya dijo.

Translated by Nchema Rapoo