Tlamelo ya Mmu

© Louise Brodie

Jaaka baagi ba lefatshe ba setse ba le kwa godimo ga llaga ya tswelelo pele go tla nna botlhokwa thata go sireletsa, go sireletsa dikarolo tse kgolo tsa ntšhwafatso ya tlhago tsa lefatshe. Tse tharo tse di botlhokwa thata ke metsi, mowa le mmu wa rona. Mmu ke tlhotlhi ya lefatshe go tweletsa pele botshelo mo lefatsheng la rona. Mmu o tlhotlha thoto tsa rona tsa metsi a a khutlang a foreše e be e rulaganya leboo la bophelo mme ya a fetolela go dikotla tse di tlhokegang tsa botshelo go nna teng mo lefatsheng.

Mmu ke motheo o o tsweletsang jalo pele mme, le gale, e bopa motheo wa tsela e dimela di tlhotlhang khabonedaeokosaete mo lefaufaung mme e ntsha okosijene, go tlhola mowa o o phepa oo rona le ditshedi tsotlhe re o hemang.

Jaaka lefatshe le metswedi ya lona e e ntšhwafadiwang e tswelela go gogolwa, go botlhokwa gore re sireletse le go babalela mmu o o botlhokwa wa lefatshe. Go kgona go fepa palo e e golang le go tswelela go dirisa bolemirui ka tsela e e nang le poelo, balemirui ba solofelwa go gatelela bokana ba kumo e e ungwang mo dipolaseng go nna e tswela pele. Kwa ntle ga tlamelo ya ona ya metsi a a nayang botshelo, go botlhokwa gore mme ya bona e kgone go babalela palo e e oketsegang ka gale.

Peyo leitlho e e tswelang pele le go dira diteko tsa mebu go netefatsa gore dikotla tse di lekaneng di teng mo dimeleng go gola di botlhokwa. Fa bokana ba kumo e e bonwang ke balemirui bo le bogolo go tshwanetse go kgona go oketsa kotlo eo dimela di e tlhokang.

Dikarolo tse di neng di sa tshwanela kwa tshimologong ya temothuo di tlhoka gore mebu ya tsona e tokafatswe ka go oketsa dikotla le disalela tsa tlhago go tsweletsa tiragalo ya megare. Fa mebu e sena go fetolwa, kgaolo e e tshwanetse go sirelediwa kgatlhanong le kgogolego ya mmugodimoo o nnoneng ka dikotla go tsweletsa kgolo, ka go khupetsa mmu ka khurumetso ya tlhago kgotsa ka go jala dijalo tsa khurumetso. Mmu ke motheo mo gona, tikologo nngwe le nngwe e e itekanetsenge agwilweng gona.

Translated by Lawrence Ndou

Motshotelô le Mmu

Motshotelô o o humileng o o thugilweng ke seungwisa-mmu se se matsetseleko...more

Tlhaloso ya Metswako ya Monontsha

Menontsha ke dire tse eleng ditswatsheding le gotswa mo dilong tsa tlhagô tse di kileng tsa tshela kgotsa ke seitirelwa sa khemikhale sa di...more

Mmu o o Itekanetseng ka Temôthuo ya Tshomarelo-Tlhagô

Go gola ga temogô ya botlhokwa jwa mmu o o itekanetseng, go isitse kwa palo e e golang ya balemi ba ba dirisang mekgwa-tiriso ya bolemirui ...more

Ka Moo o ka Tokafatsang Phopholego ya Mmu

Phopholego ya mmu e laolwa ke kopanyo ya motlhaba, seretse le dikarolwana tsa mmopa. Mebu ya motlhaba e na le dikarolwana tse kgolo, e na le...more

Ditshedinnyennye mo Mmung

Mmu ga se fela dikarolwana tsa lejwe le le thugilweng. Mmu ke popegô e e matswakabele e e leng legae la medi ya dijalo le ditshedinnyennye....more

Kobelo Tlamelo ya Mmu

Tiriso ya kobelo mo tshingwaneng kgotsa mo masimong e ka nna le dipoêlô tse di boitshegang go itekanelo ka kakaretso ya mmu le dijalo....more

Menontsha ya Botswatsheding le ya Bosatswetsheding, Motshotelo le Mosutele

Menontsha ya botswatsheding e dirilwe ka sere se se bodileng se se tlholegileng gotswa mo ditshiding tse di dirang motshotelo, mme e ka kopa...more

Ditswatsheding mo Mmung

Go botlhokwa gore botshelo jwa sejalo bo golele mo mmung o o nang le botswatsheding jo bo lekaneng....more

Boitekanelô Jwa Mmu Le Boitekanelô Jwa Sejalo

Go na le kgolagano ya tlhamalalo magareng ga boitekanelô jwa mmu le boitekanelô jwa sejalo, go tlhalosa Alan Rosenberg mo bukeng ya gagwe ...more

Go Tsaya Disampole tsa Mmu

Go tsaya disampole tsa karolo e e tlileng go lengwa le go di isa tshekatshekong ke ntlha-tshimologo e e botlhokwa thata ya kgwebo nngwe le n...more

Botlhokwa ba Phopholego ya Mmu

Phopholego ya mmu e na le tlhotlheletso mo go monono wa mmu, e ka tlhotlheletsa go kgotlhagana le legogo la mmu le go direga - bonolo boo ka...more

Tillage, Temô le Egelelo

Tlhaloso ya boammaruri ya tillage e kaya paakanyo nngwe le nngwe ya mmu o o tlileng go lengwa....more