Tilefish

© Johan Boshoff

Ukusabalala Kwazo

Tilefish

Leina la Maranyane

Malacanthidae

Semeto

E ka nna 125 cm, fabontsi bo ka nna 18 cm.

Ponalo

Mmele wa sebopego sa Cigar, mme o bopame go elela kwa mogatleng. Tlhogo e nnye mme a sebopego sa kgolokwe. Mogatla wa mokwala o a elela. E na le dotlhoko mo magalapeng a go hema (operculum).
Mogatla wa kwa morago o mokhutshwane mme mo go tse dingwe o ntlha-pedi (forked). Mogatla wa kwa maragong o na le mebitlwa e mebedi. E ka bonwa ka mebala ya lephutshe, borokwa kgotsa bosetlha.

Dikitsiso

Lelapa la Malacanthidae le na le mephato e le 5 ka dibopiwa dile 42. Di nna mo santeng ka fa gare ka mesima e di ikepetseng one. O ka di fitlhela gape mo ditotomeng tsa corale. Do na le matlho a a bogale thata.
Tse dingwe tsa tsone do kgona go fetola mmala go latlhetsa manaba a tsone. Di ka fitlhelwa ka bongwe kgotsa ka makoko a mannye. Di tsala ka go tshela mae mo metsing.

Dijo

E fepa ka zooplankton, di-crustaceans tse dinnye, diboko le di-invertebrates.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Red-stripe tilefish - Hoplolatilus marcosi
Sand tilefish - Malacanthus latovittatus
Stripetail tilefish - Malacanthus brevirostris