Thulaganyo ya Setso sa BaTsonga ya Sepolotiki

© Dr Peter Magubane

Dipusomerafe

Jaaka bakoloniale ba basweu ba gateletse molao wa bona mo metseselegaeng ya Batsonga, dithata tsa dikgosi di fokotsegile. Ka bo1920 basweu ba le bantsi ba bone go senyega ga bogosi le moriti wa boganana ba tsa sepolotiki. Ditlholele di bone ‘morafe’ jaaka legae la tlhago la batho ba Seaforika ba tsena mo kgaisanong e e oketsegang le basweu kwa metsesetoropong.

Maemo a ga kgosi a ne a matlafadiwa ke molao ka bo1920 mme, morago ga dingwaga di le 30, ‘bothati jwa morafe’ bo ne ba nna botlhokwa mo thulaganyong ya Bantustan. Go ya ka setso kgosi (hosi) le khansele ya gagwe ba na e le taolo ya bofelo mme ba sa ntse ba bopa karolo e e botlhokwa ya puso mo ditlhopheng tsotlhe tsa Batsong. Bogosi ke ba tsalo e bile bo wela mo go tokololo e e kgolo go gaisa ya losika mo losikeng la bogologolo mo losikeng le le maatla go gaisa mo setlhopheng. Kgosi e ntšhwa e tshwanetse go amogelwa ke khansele mme e tlhomiwe semmuso mo setulong. Fa a ka bo a sa le monnye mo losong lwa ga rraagwe, nkgonne wa ga rragwe ka setlwaedi o ne a ka dira jaaka mmusi wa nakwana.

Mo nakong e e fetileng hosi e ne a la le thata e e kwa godimo. O ne a abelana ka lefatshe le go kganela tshimologong ya dithupiso, meletlo ya thobo le go binela pula; o ne a tsereganya magareng ga maloko a setlhopha le mewa ya badimo; gape o ne a na le maikarabelo a  dirile tsotlhe tse di amanang le ntwa le Sesole; Gape o ne a nang le maikarabelo a botsamaisi ba setlhopha, le go sekisa dikgetse tse di masisi le ba ba neng ba ka dira boikuelo go tswa kwa dikgosaneng. O ne a thusiwa ke batlhankedi ba ba neng ba dira ditiro tse di kgethegileng.

Gompieno dikgosi ke badiredipuso ba ba duelwang ba ba rweleng botsamaisi ba bathoba ba leng ka fa tlase ga bona. Ba tshwanetse go duedisa batho ba ba ka fa tlase ga bona lekgetho le go okamela ditirelo tse di jaaka kabo ya metsi a a tsamaisiwang ka dipeipi kgotsa go aga diphaposiborutelo tse dintšhwa. Ba tswelela go tshameka karolo e e botlhokwa jaaka bogare ba boikanyego, boitshupo le go rata setšhaba sa kwa metseselegaeng.

Translated by Lawrence Ndou