Thulaganyo ya Thuta Matlapa ya Afrika Borwa

© David Fleminger

Setlhopha sa Taolo

Go akanywa gore diretese tsa Taolo di ne tsa diriwa ka mengwaga e 3.07 ya dibilione e e fetileng, mo mokgatsheng o o katogileng o o neng wa tlhamiwa fa legogo le le ka fa tlase ga lefelo le le sa amegang fa dinaga di kgaogana kgotsa di tlhakana le simolola go gagamatsa. Kgatelelo e e ne ya nna le morwalela wa fitlha ka phitlhelelo ya molelo go tswa mo lentleng. Dillaga tse dingwe tsa Setlhopha sa Taolo e na le masaledi a gouta, tse di neng tsa epiwa ka katlego e e nnye.
Ga go tse dintsi tse di itsegeng ka ga Setlhopha sa Taolo, ka gonne tseno tsotlhe di diragetse mo nakong e telele thata e e fetileng mme go na le mafelo a mmalwa a matlapa a bolokilweng sentle. Mo kgaolong ya Vredefort, sekao, Setlhopha sa Taolo se bopilwe ka llaga ya seretse se se molelo seo se tlhageletseng fela kwa lefelong le le lengwe kgotsa a mabedi a a farologaneng.
Morago ga Setlhopha sa Taolo se adilwe kwa fatshe, dikarolo tsa lefelo le le sa amegang fa dinaga di kgaogana kgotsa di tlhakana la Kaapvaal fa se ne se kokobela mme kgamolo ya noka nngwe le nngwe e e kwa tlase e ne e itemogela kamogelo ya metsi a le mantsi. Se se bopile lewatle le le legolo, le le seng boteng go rala bogolo jwa kontinente le masalela a mantsi a seretse a simolotse. Mo nakong eno, go botlhokwa go lebelela sentle mo karolong e e tshamekang ke metsi mo thulaganyong ya go nna le seretse.

Setlhopha se Segolo sa Witwatersrand

Tota, a tlosa metsi a tsamaisa dikapetla tse di kgogolegileng kgakala le motswedi wa letlapa. Lebelo la metsi ka tlwaelo le tlhomamisa sekgala seo dikapetla di tla se tsamayang. Fa dinoka di thulana mebele e mogolwane ya dinoka (jaaka letsha kgotsa lewatle), moela o fokotsega thata le bontsi jwa dikarolwana tse di bokete di wela kwa fatshe e be di nwela go ya gotlaseng.
Dikarolwana tse di bokete, jaaka motlhaba le seretse, di ne di sala di emeletse mo metsing lebka le le telele e bile di tsenngwa le kgakajana le lebopo. Lebaka la gore ke goreng ke go bolelela tsena tsotlhe tse di kgatlhang di ka nna mo pepeneneng mo tsamaong ya nako.
Ka jalo, ka dingwaga tse 2.97 tsa dibilione tse di mmalwa tse di fetileng, dillaga tse di mmalwa mo dikgaolong tsa letlapa la seretse di tsa emiswa mo lewatleng le le se boteng le le khupeditseng bogare jwa Aforika Borwa ya segompieno. Seno se bidiwa Setlhopha sa Ranteng Bophirima mme e tlhomile dikarolo di le mmalwa tse di kgatlhang tsa popego ya lefelo, jaaka e e bitswang mokoma wa Witwatersrand e e tsamayang magareng ga Germiston le Krugersdorp.
Ka nako e nngwe morago, lefelo le le sa amegang fa dinaga di kgaogana kgotsa di tlhakana di tlhatloga go se nene le lefatshe le senyegileng ka motseletsele wa mebotwana le mekgatšheng. Jaanong dinoka di ne di elela go tswa dithabeng kwa bokone le bophirima go nna metseletsele ya matsha le dikgatelelo, moo masaledi a neng a le bonako thata.
Matlapa a a tlhamilweng mo pakeng e a bidiwa Setlhopha sa Ranteng Bogare. Mmogo, Setlhopha sa Ranteng Bophirima le Setlhopha sa Ranteng Bogare di bidiwa Setlhopha se Segolo sa Witwatersrand.

Semaka sa Thutaletlapa

Setlhopha sa Ranteng Bogare le gale se ne se kgethegile, ka ntlha ya dithoro tse di bokete tsa gauta ka dinako tsa go ipoeletsa di tsenywa mo mabopong a noka, mmogo le setlhaba.
Se se bakile tshimo ya gauta e e nonneng mo Lefatsheng, e e nang le bokana jwa halofo ya gauta mo lefatsheng. Morago ga moo, ditlhakano tse tsa dillaga tsa matlapa (tse di bidiwang mekekema) di tla epiwa ka katlego e e gakgamatsang. Motswedi wa setlogo wa dikarolwana tse tsa gauta, le fa go ntse jalo, e tswelela go nna sengwe sa semaka sa thuta letlapa.
Mo dingwageng tse di ka nnang 2.7 tsa dibilione tse di fetileng, Lefelo le le sa amegang fa dinaga di kgaogana kgotysa di tlhakana la Kaapvaal le thulane le lefelo le le sa amegang fa dinaga di kgaogana kgotsa fa di tlhakana la kwa Zimbabwe go ya bokone. Se se tlhomile namane e tona ya motseletsele wa dithaba e e tlhatlogileng go bapa le sese bidiwang jaanong Lebanta le le Tsamayang la Limpopo.
Gape e feleditse kwa morwaleleng o mogolo wa seretse sa molelo se tswa mo mangeng mo mafelong a a sa amegang fa dinaga di kgaogana kgotsa fa di tlhakana, tse di neng di khupetsa matlapa a Setlhopha se Segolo sa Witwatersrand. Diretse tsa molelo se Segolo sa kwa Ventersdorp.

Setlhopha se Segolo sa Teransefala

Go ya pele ka bonako, dingwaga tse di ka nnang 2.5 tsa dibilione tse di fetileng, Lefelo le le sa amegang fa dinaga di kgaogana kgotsa fa di tlhakana la Kaapvaal di ne tsa kokobala gape mme tsa nna tsa khupediwa ke metsi go se nene ke lewatle la bogareng jwa naga la katologo.
Se se bakile tiragalo e nngwe ya seretse se se bokete le go tshwaya tshimologo ya Setlhopha se Segolo saTeransefala. Se gape se diragala ka nako e le nngwe ya Archaea le tshimologo ya paka ya Proterozoic, e e ntseng go fitlha digwaga tse dimilione di le 570 tse di fetileng.
Setlhopha se Segolo sa Teransefalas ke setlhopha se se kgatlhisang sa matlapa. Llaga e e kwa tlasetlase, e e bidiwang Tlhamo ya Mokekema o Montsho e na le masalela a gauta. Fa godimo ga se ke Setlhopha sa Chuniespoorts. Llaga e e nang le bosupi jwa botshelo bongwe jwa pele mo lefatsheng – go fotosentesese ya mogare wa cyano.
Go siame, ga e utlwale e itumedisa, mme megare e ya dimaekeropo e golotse okosijene ka jaaka setsweletswa se se senyegileng mme e ka nna le maikarabelo a go oketsa maemo a okosijene e e golotsweng mo lefaufaung. Okosijene go tswa mo mogareng wa cyano gape e tsebogile ka metsi a lewatle go tlhola dilekanyo tsa dioksaete tsa tshipi tse di farologaneng, e e tlisitseng e masaledi a mantsi a tshipi le manganese tseo re di epang gompieno.

Didolomate tsa kwa Malmani

Diphelammogo tsa ditwatsi di goletse mo metsing a a seng boteng, tsa mmu, jaaka mekekema ya korale, le khabonedaeokosaete e e monilweng go tswa mo metsing. Se se tlhodile kalsiamo khabonate go oketsega ka bonako, mme ka jalo di khupetswa ka llaga e e seretse ya ditwatsi. Ditwatsi di tsweletswa go gola gape mo godimo ga llaga ya kalsiamo mme le tirego e ne ya boelediwa gangwe le gape.
Se se tlhamile diphelammogo tsa ditwatsi tse di nang le sebopego sa kgolokwe, mme morago ga moo di nna masaledi go nna se re se bitsang di-stromatolite. Dikao tsa di-stromatolite tse di tshgileng tota di supilwe mo lefelong la Vredefort mme di totobaditswe jaaka karolo tse di kwa kgakala tsa Lefelo la Ngwaoboswa ya Lefatshe.
Kalsiamo khabonate gape e tlhomile llaga ya matlapa a a bidiwang didolomaete tsa kwa Malmani. Tsebo di botlhokwa ka ntlha dolomaete kwa bofelong e ne ya jewa ke metsi a fa fatshe a a tlhotlhilweng mo mangeng a letlapa, go tlhama metseletsele ya dikgaga. Morago ga moo, dikgaga tseno di ka nna lefelo la bofelo la go ikhutsa la badimo ba pele, jaaka Mme. Ples le Litlle Foot.
Lesalela le le fitlhetsweng mo Serotwaneng sa Botho, Sterkfontein, Makapansgat le Taung tsotlhe di tlhagile mo llageng ya kalaka. Go tshitshintswe gore thulo ya kwa Vredefort e ne a ka nna le seabe mo go tlhomeng manga oa a tsositseng dikgaga, mme ka jaloa e re thusitse go rarabolola thamalakane ya phetogo ya batho.

Marara a Sekgwa a Molelo

Morago ga go ya go tlhomamisa Setlhopha se Segolo sa Teransefala, go ne go na le go kurutla go go tswang kwa tlase. Mo dingwageng tse 2.06 ya bilione tse di fetileng, motseletsele ya go thunya e tshwenya kagiso ya twatsi ya cyano le go khupetswa mo Lefelong le le sa amegang fa dinaga di kgaogana kgotsa fa di tlhakana la Kaapvaal le llaga ya matlapa le molora.
Morago ga moo, lefofa le lengwe la go tswa mo khupetsong le gateletse dithoto tse di farologaneng tse di pateleditseng go tswa e e emeletseng mo mabaleng a kwa thoko a lefika la letlapa la kwa Teransefala, mme le ne le sa fitlhelela kwa tlase.
Khuthi e e kwa fatshe eno ya phaposana ya seretse e e tsidifaditsweng ka iketlo mme ya tlhama metseletsele e e gaisang ya matlapa a adirilweng dillaga a a bidiwang Marara a Sekgwa a Molelo. E fetelela go kgabaganya bontsi jwa bogare jwa Borwa jwa Aforika mme ke sekao se segolo thata sa mothale wa yona mo lefatsheng. Marara gape a na le masalela mangwe a magolo thata a polatinamo, khoroniamo, koporo, vanadamo, thaethaniamo le nikele.

Naledi e e Mogatla ya Vredefort

Ka jalo go fitlhile gakgamatso e kgolo. Mengwaga e e 2 bilione e e fetileng, naledi e e mogatla ya kwa Vredefort e tlile ka go itlhaganela mo lefatsheng. E ne e le dikhilometara tse mmalwa bophara mme e tsamaya ka lebelo le le kwa godimo thata go leba bogareng jwa Lefelo le le sa amegang fa dinaga di kgaogana kgotsa fa di tlhakana la Kaapvaal. Thulo e ne e le e e sa akanngweng.
Bogodimo jwa matlapa bo ne bo dirilwe mouwane le legogo le le boteng le ne la fetolwa ka fa gare, ya neela barutatlapa ba segompieno tebego e e kgethegileng ka nako e e fetileng ya bogologolo. Naledi e e mogatla ya kwa Vredefort e dirile maikutlo a makgolo a matota.
Morago ga thulo, matlapa a mašwa a ne a tla tswelela go tlhoma mo Borwa jwa Aforika, le dithulaganyo tsa thutamatlapa tse di tlhalositsweng fa godimo di sa ntse di tsweletse gompieno.
Le gale, pego e e feletseng ya thutamatlapa ya kontinente tlase e kwa godimo ga mothamo wa buka eno. Go na le moo, jaanong re tshwanetse go gana go tswa mo mmung mme re lebelele magodimo, ka pego e e tletseng ka ‘tiragalo ye nngwe e kgolo thata ya go ntsha maatla’ mo lefatshe e e kileng ya bonwa.

Translated by Lawrence Ndou