Thulaganyo-Sepolotiki ya BaVenda

© Dr Peter Magubane

Popegô-Polotiki kwa Dikgaolong tsa Magae

Dikarolo tsa thulaganyo-sepolotiki ya setso di santse di le teng kwa dikgaolong tsa magae. Karolo e nnye go gaisa ke lelapa (mudi), eleng lelapa kgotsa setlhopha sa malapa a lesika le le lengwe, a a dulang mmogo mo kokoanong ya mekgoro. Mudi o ka fa tlase ga mukoma, rre wa lelapa le le botlhokwa go gaisa la mudi. Tlhatlhamo ya mukoma gantsi ke ka boswa, fela katlenegiso ya semmuso e tshwanetse go ka newa ke kgosi ya setlhopha se mudi e welang mo go sona. 

Mukoma o rwala maikarabelo a tolamo le puso ka mo gare ga mudi. Molelwane wa bolaodi jwa gagwe ke fela dikgetse tse di sareng sepe magareng ga maloko a mudi, mme tlotla ya gagwe e fela mo goreng o na le tshwanelo ya go solofela kobamelo, bodiredi jwa mahala le tlotlomatso gotswa go mudi wa gagwe. Mo ditirong tsa bosekisi o thusiwa ke lekgotla la gagwe (khoro). Tsamaiso ga e a gagamala, mme ga go na ditlhopho: morago ga gore puisano mo temeng e e rileng e atlhaatlhiwe, mukoma o fitlhelela tshweetso mme a ntshe katlholo, e e tsamaelanang le maikutlo a bontsi. Mo a kganetsang khoro, o tla leka go ba rotloetsa ka ga ntlha-ponô ya gagwe. Go retelelwa ke seno, tema e fetisetswa kwa bolaoding jo bo kwa godimo. Seno se diragala ka sewelo, ka ge thulaganyo ya BaVenda e kgona go fetolwa mme e itshupile ka keletso e e maatla ya go efoga thulano. 

Dikarolo di le mmalwa (midi) di bopa kavhelo ka fa tlase ga letona, o ditshwanelo, ditiro le dithata tsa gagwe di tshwanang le tsa mukoma, ka seêlô se se golwane. O thusiwa ke makgotla a ditlhogo tsa midi, le bannabagolo gotswa go mudi wa gagwe. Lushaka, eleng batho gotswa kwa didikeng tse di farologaneng, ka fa tlase ga bolaodi jwa kgosi ele nngwe, ke lephata la boraro, karolo ya sepolotiki e kgolo go gaisa mo setšhabeng sa BaVenda. Gompieno, metse ya setso ka mabota a majwe e santse e ka bonwa e ipharile ka fa tlase ga dithabana. 

Ka setlwaedi kgosi o dula kwa karolong e e kwa godimo go gaisa ya motse, ka bahumagadi le bana ba gagwe fa pele ga gagwe. Batho ba bangwe ba dula mo dikgaolong tse di kwa tlase le tse di mo dikaganyeditseng, go sireletsa kgosi le bahumagadi ba gagwe. Matseno a karolo ya felo-bodulo jwa kgosi a lebagane le kgoro (kgotla ya botlhe); go fitlhelela mmusi, segolo thata ke batswakwa, go lekanyeditswe. Morago ga gore tetla e rebolwe gore o mmone, babusiwa ba tsamaisiwa mo diferwaneng tse di dikologang le go namelela direpodi goya kwa mokgorong o mogolo o eleng lefelo la kopano. 

Bolaodi jwa Kgosi

Ka setso, kgosi e ne e na le dithata le tlhotlholetso tse di kgolo, bolaodi jwa gagwe jo eseng jwa sedumedi bo ne bo tsepame ka maatla a semowa. O ne a golagana le badimo mo boêmông jwa setšhaba; seno se ne se tshwaya setlhoa sa phiramiti e mo go yona mukoma a neng a ka golagana le badimo mo boêmông jwa lelapa.

Go ne go akangwa fa kgosi ele moruti yo mogolo, fela jaanong re tlhaloganya maêmô botoka. Mo setšhabeng sa setso, batho ba ba nnye thata le ba ba golo thata ba ne ba newa tlotlô le tlotlomatso tse di kwa godimo thata: ba ba nnye ba ne ba santse ba le gautshwane le badimo, mme ba ba golo ne ba le gaufi le go nna le bona mme ba fetoge badimo le bona. Jaaka katoloso ya seno, kgosi e ne ele modimo yo o tshelang.

O ne a tshwanelwa ke go atamelwa ka go gogoba ka diatla le mangole; o ne a bua le mongwe le mongwe ka nyefolo ka go bua ka tlhamalalô, fela go ne go tshwanetswe go ka buiwa le ene ka bonolo jaaka e kete o bua le motho wa boraro, ka go dirisa puo ya ntsifatso. 

Pharologantsho e ne gape e dirwa magareng ga kgosi le batho ba gagwe fa go neelwa-leina dilwana le ditiragalo tse di amanang le kgosi. Sekai, fa kgosi a ne a tagilwe, batho ne ba tlare o 'wetse mo lekadibeng la metsi'.

Batho ne ba ka se umake loso lwa kgosi ka tlhamalalô, fela ne ba tlare 'lekadiba le kgadile metsi'. Puo e e neng e buiwa kwa musanda (mošate wa bogosi) wa gagwe e ne e na le bokao jo bo kwa godimo mme e ne e farologane le e e buiwang ke batho-botlhe.

Ka ntlha ya gore o ne a kaiwa fa ale selegodimo-nyana, o ne a tlotlomaletswa sengwe le sengwe se a neng a se dira, go sa kgathalesege gore ga sena boleng go le kana kang - go gotlhola, go nwa bojalwa, le go kgwa sehuba tota. Go ne go sa makatse gore kgosi, fa a ntse a gola, a bine motanso wa bonosi wa khutsafalo (u pembela), o o neng o mo fetola go nna modimo (Mudzimu). 

Khosi, le fa ale maatla, e ne ese mmusa-esi mme o ne a tshwanetse ke go dira goya ka melao le meetlo ya setšhaba. Ke fela ka fa tlase ga maêmô a a sewelo mo a neng a ka fapoga, mme seno se ne se tshwanetse ke go atlenegiswa ke lekgotla la gagwe. Mahosi a ne a sena maatla, mo meileng le tsamaiso-medirong, go dira di phetogo ntle le katlenegiso ya batho.

Ditsamaiso-mediro dingwe di ne di tsamaisiwa ke kgaitsedi wa khosi yo mogolo (makhadzi), yo a neng a netefatsa fa setso se selwa morago. Mo malobeng dikgosi di ne di thusiwa mo ditirong tsa tsona ke lekgotla la magota le dzinduna, ga mmogo le vhakoma (bomorwarre le bomorwarre-motswalo ba kgosi) ba ba neng ba dula gaufi le mošate wa gagwe kgotsa Mošate Mogolo.

Dikgosi tse di neng di leka go fapoga thata gotswa mo setsong se se theilweng ba ne ba itsenya mo kotsing ya go tshelelwa botlhole ke lelapa la segosi ka bophara kgotsa mo goreng babusiwa ba bona ba 'tlhophe ka dinao tsa bona' le go hudugela kwa kgaolong e e laolwang ke mmusi yo mongwe. 

Translated by Nchema Rapoo