Thulaganyo-Bomorafe ya Batswana

© Dr Peter Magubane

Bogosi jwa Selegae

Gompieno Batswana ba ka aroganngwa ka magosi ale mantsi a selegae a a ipusang (le fa a obamela melao ya Botswana kgotsa Afrika Borwa), a bogolo jwa yona e farologaneng gotswa go dikete di le mmalwa goya go diketekete di le makgolo, bogosi jo bo golo bo akaretsa merafe ele robedi e megolo ya kwa Botswana.

Mongwe le mongwe o laola merero ya ona ka fa tlase ga kgosi, fela go na le dipharologano tse kgolo magareng ga merafe ya kwa Botswana le ya Afrika Borwa. Batswana mo Afrika Borwa ba ne mo malobeng ba wela ka fa tlase ga bolaodi jwa naga-selegae ya Bophuthatswana.

Morafe mongwe le mongwe o na le lefatshe le leina tse eleng tsa ona, leina gantsi le tswa mo leineng la kgosi ya bogologolo kgotsa mothei wa tatelano-puso, nako dingwe gotswa mo seanông sa lelapa la segosi, lefelo la motse-mošate wa maloba kgotsa tiragalo ya histori. 

Morafe mongwe le mongwe o na le ditlhokegô tse di kopakopaneng, mme seno se kaya gore maloko a morafe ole esi a ka farologana ka meetlo le teme. Seno se bonagala thata fa batho ba ba tsentsweng mo morafeng ba itlhophela go dula ba itshupile, mme ba dirise dipharologano jaaka sesupo.

Merafe ya Batswana ga ea tswalega, mme ga ise eke e tswalege, ka maloko a a sa fetogeng. Ke mekgatlho e batho ba nnang maloko ka tsalo, go gopega, go thopiwa kgotsa ka go inyalana le yona ka bowena. Maloko gape a ka lelekwa ke kgosi, kgotsa ba itswela ka bobona go inyalana le morafe o mongwe.

©Dr Peter Magubane

Gompieno, Batswana ba le ba ntsi kwa ditoropokgolong tse di jaaka Johannesburg ga ba itsalanye semmuso le morafe o o rileng, le fa botlhe ba amogela kamanô le seano mme ka jalo ba amogela tsalano ya bokokomane le ba bangwe ba ba aroganang seano seo. 

Tsamaiso e e tshwanang le eo ya boakaretsi e mo go yona merafe e neng e tlhangwa, fela ka seêlô se se golo, e tlhamile se gompieno eleng Botswana. Ditlhopha tsa yona di kgobakantswe go dira sele sengwe ka ntata ya tsereganyo ya bokoloniale, e e tlhamileng naga-taolô ya Bechuanaland e morago e iponetseng boipuso jaaka Botswana.

Maiteko a kgobakanyo ya Batswana mo Afrika Borwa e tlhagisitse tsamaiso e e matswakabele go feta e e neng e amana le go tlhamiwa ga naga-selegae ya Bophuthatswana ke puso ya tlhaolele, setheo se se phutlhamisitsweng ka fa tlase ga mmuso wa morago ga tlhaolele.

Dikgosi tsa Batswana tse di neng di amogelwa ke mmuso wa tlhaolele di tsweletse go tshola maemo ao le tshwanelo ya go busa batho ba tsona. 

Boano

Boano, eleng tlotlomatso ya phologolo, semela kgotsa sediro, ke kgale ele ntlha e e botlhokwa mo setšhabeng sa Batswana. Motho mongwe le mongwe o ikamanya le seano, mme botlhe ba ba amanang le seano seo go begwa fa ba tsalana ka tshika ya borraabona, gantsi ba tsaya seano sa borraabona, le sa borraago borraabona. Batho ba seano se se tshwanang ba bua fa ba ka latela motlhala wa tsalano ya bona ya bokokomane. Kamanô ya boano ke bogologolo e kgabagantse boleloko jwa morafe.

Maloko a morafe ole mongwe gaise nke ba amane le seano sele sengwe, mme bao ba amanang le seano sele sengwe ga se gore ke maloko a morafe ole mongwe. Sekai, Bangwaketse ba amantswe le diano di le 22 tse di farologaneng le fa maloko a tshika ya bogosi ba arogana seano sele sengwe.

Dikinane di le di ntsi di mataretse metlotlo ya Batswana, mme di tlhalosa ka fao seano sengwe le sengwe se tserweng ka teng. Melawana ya maitshwaro e tlhamilwe ka ga dikanane tseno, mme thetelelo ya go e obamela e tlhoka gore moerobi a tsenele modiro wa phepafatso go thibela bolwetse kgotsa madimabe mangwe.

Translated by Nchema Rapoo