Thekiso ya Dijalo tsa Dijothor

©Eric Miller

Mmaraka wa dijothoro o diphetogophetogo tse di kwa godimo, mme seno se ise kwa goyeng tlase le godimo go go golo ga tlhwatlhwa. Go thata go fokotsa matshosetsi fa o tlhagisa sejalo se se jaaka canola kgotsa barley, mo mmarakeng o o laolwang thata ke bareki ba bongwe ka bongwe. Ikagaeng Maluleke, raekonomi-mmotlana kwa Grain SA, o fane ka maele a a latelang mo kwalong ya gagwe, The ABC of Marketing Your Crop, go balemirui ba ba tlhagisang dijalo tse di nang le mebaraka e e kabakanyeng, tse di jaaka korong, mmidi kgotsa soybeans:

Poloko mo Bobolokela-Jalo jwa Kgwebo-Tshwaraganelo

Morago ga kotulo, balemirui ba ka boloka dithoro tsa bona kwa bobolokela-jalô jwa kgwebo-tshwaraganelo gore ba rekise ka nako e ditlhwatlhwa di leng botoka. Fela, tlhwatlhwa ya poloko le ya tshwarô ya dithoro le morokotso o o latlhegang ka ntlha ya dithekiso tsa moragonyana, di ka retelelwa ke go rotloetsa tlhopho eno.

Poloko mo Bobolokela-Jalô jwa Gago

©Glenneis Kriel

Thoro e ka bolokwa mo bobolokela-jalô jo eleng jwa gago, fela peeletso-madi e e kwa godimo e e tlhokagalang go ka aga bobolokela-jalô ga e buelele ditshenyegelo go bontsi jwa balemirui. Ntle le seno, o tlile go rwala maikarabelo a go tlhokomela le go laola thoro e e mo bobolokela-jalô jwa gago, fa baitseanape ba thapiwa go ka dira seno kwa bobolokela-jalô jwa kgwebo-tshwaraganelo.

Poloko mo Dikgetseng tsa Bobolokela-Jalô

Thoro e ka bolokelwa mo dikgetseng tsa bobolokela-jalô, tse di leng tlhwatlhwa-tlase go na le bobolokela-jalô. Fela, balemirui ba tshwanetse go gopola gore boleng jwa thoro bo tlile go senyega fa nako e ntse e tsamaya.

Dikonteraka-Isago tsa Pele ga Kotulo

Konteraka-isago ke tumelano magareng ga maphata ale mabedi ya go reka kgotsa go rekisa thoto efe kgotsa efe mo isagong, gantsi ka tlhwatlhwa e e setseng e beilwe. Poelo e kgolo ya seno ke gore o na le mmaraka o o sireletsegileng wa setlhagiswa sa gago, fela o ka se nne le seabe mo metsamaong ya tlhwatlhwa e e ka go thusang mme o pateletshega go romela palo e e beeleditsweng ya sejalo. Molemirui, sentle sentle, a ka tshwanela ke go duela dikôtlhaô kgotsa go reka gotswa kwa batlhagising ba bangwe go ka tlaleletsa ditlhaelô tsa tlhagiso.

Dirisa Mmaraka wa Ka Gangwe le wa Isago

Balemirui ba ba sa batleng go boloka dithoro tsa bona, ba ka di rekisa mo mmarakeng wa ka gangwe morago ga kotulo mme morago ba reke futures, go iponela madi gotswa mo motsamaong wa tlhwatlhwa o montle, o o ka diregang moragonyana. Bokotsi jwa seno ke gore ditlhwatlhwa tsa mmaraka di ka ya tlase mme seno se ise kwa ditatlhegelông.

Dirisa di-Futures le di-Options

Balemirui ba ka itshireletsa kgatlhanong le goya tlase le godimo ga tlhwatlhwa ka go gweba mo Commodity Derivatives Market, o o bitswana Safex. Ke mokgwa-tiriso o o tlwaelegileng gore balemirui ba beeletse go ka nna nngwe-tharong ya thoro pele ba jala go thiba ditshenyegelo tsa tlhagiso mme ba beeletse mo go setseng kwa morago mo setlheng goya ka metsamao ya tlhwatlhwa. Se se gaisang ke go dumela tlhwatlhwa e e ‘lekanetseng’ goya ka tlhwatlhwa ya tlhagiso mo heketareng nngwe le nngwe. Go emela gore ditlhwatlhwa di namele go ka isa kwa go latlhegeng ga ditshono.

Go tota go tlhoka boitseanape jo bo ntsi go gweba mo seraleng seno, ka ge o tota o tlhoka go itse ka se se diragalang mo mmarakeng wa lefatshe. Balemirui, ka ntlha ya seno, gantsi ba thapa bagwebi, eleng selo se se jang madi, gore ba gwebe mo boemong jwa bone.

Sefepi sa Diphologolo

©Glenneis Kriel

Fa ditlhwatlhwa di le kwa tlase, go ka fa tlhogo go fepa leruo la gago ka sejalo kgotsa go se rekisa jaaka sefepi go balemirui ba bangwe. Ditlhwatlhwa tsa sefepi sa diphologolo le tsona di ya tlase le godimo, ka jalo ga gona netefaletso ya gore seno se tla isa kwa lotsenong lo lo botoka ka dinako tse ditlhwatlhwa tsa sejalo di leng kwa tlase.

Translated by Nchema Rapoo