Tassel Pondweed
Moferometsing

Leina

Moferometsing, Tassel Pondweed kgotsa Ditch Grass

Leina La Se-Latin

Ruppia maritima

Tulo

Moferometsing o tletsetletse kwa makopanelong a dinoka le lewatle. O ka fa tlase ga metsi mme o bopa meseme e e kitlaneng e e rogakwang ke borradikepe ka ntlha ya tshenyo e o e dirang mo mafetlhong.

Thanololo

Dikalana le matlhare di tshesane, o kare tlhaga mme di tshopagane. Kalana ya sethunya e khutshwane mme e tlhamaletse. Selekanyô: 1m ka boleele, 1mm ka bophara.

Dintlha Tlhagiso

Moferometsing ga se semela sa lewatle le ga ntswa leina la tshika la ona le kaya, ke semela sa metsi a a phepa se se itshôkelang metsi a a letswai.
Semela seno se a itulafatsa fela se ka dulafatswa ke modula o o elelang le metsi morago ga go ntshiwa ke sethunya.
Maungo a Moferometsing a kgetlhwa ke ditlhapi le koko ya metsi tse di a jang, fela semela seno se ka jala go tswa mo meding mme se bope ditlhotshwana.

Dimela tse di tsalanang le

Ruppia cirrhosa: Kalana ya sethunya e tsopagane.
Potamogeton pectinatus: dithunya di kokoane mo kalaneng e e tlhabang.