Taolô ya Fungi ya Botswa-Tsheding

© Louise Brodie

Fungi e ka nna thata go ka laolwa mo thulaganyong ya temô ya botswa-tsheding; dibolaya-fungi tse di mo mmarekeng ga di a siamela temô ya botswa-tsheding. Dibolaya-fungi tse di rekiswang gantsi ke digasi tse di ikaegileng ka copper.

Mokgwa o montšhwa wa go laola fungi ke go tshela fungi e e nang le dipoelô. Onô ke mokgwa-taolô o o tlwaelegileng thata wa botswa-tsheding. Di-fungi tse di dipoelô di teng ka bontsi mme di gaisana le di-fungi tse di kotsi.

Di-fungi tse di mo bontsing tse di dipoelô di gaisana le tse di diphatsa mme di di kobe kgotsa di di fedise. Go na le mefuta e e farologaneng ya fungi e e ka diriswang, fela e e itsagaleng thata ke Bio-trichio. Rebola fungi eno mo dijalong le mo mmung. Di-fungi tse di ka nnang tsotlhe di bolawa ke lorole lwa sulpher.

Mokgwa o mongwe ke wa go gasa motswako wa maswana ale mararo a vinegar e e tswakantsweng le litre ele nngwe ya metsi. 1 Mokgwa-tlwaelô wa taolô wa dijalo tse di tshwaetsegileng ke fungi ke go di gasa ka motswako wa mašwi-le-metsi.

Motswako onô o na le komiki ele 1 ya mašwi, dikomiki di le 4 tsa metsi le teaspoon ele 1 ya sesepa sa dijana sa seeledi. Mašwi a na le fungi e e siameng e e tlileng go fekeetsa fungi e e kotsi ka kgolô. Sesepa se thusa motswako go mamarela matlhare le gore o se rothele fatshe fela. Balemi ba botswa-tsheding ba kwa Amerika ba dirisa fungi e e dipoelô go kganetsa di-pathogens.

Di-microbe tse di jaaka Trichoderma (T. koningii and T. harzianum), Streptomyces griseoviridis le Bacillus subtilis di tshelwa mo meding kgotsa di dirisetswa go alafa dipeo pele di ka jalwa. E tokafatsa di-microbe tse di dipoelô mo mmung le go rotloetsa kgolô. E diriswa mo malwetseng a a jaaka Fusarium, Phomopsis, Alternalia le Aspergillus.

Translated by Nchema Rapoo