Taolo ya Disenyi tsa Terebe

© Prof Piet Goussard Winetech
Above-ground pests cause the obvious symptoms such as holes in leaves, deformed leaves and bunches.
Malwetse le disenyi mo tshimong ya morara di ka aroganngwa ka ditlhopha tse di farologaneng, eleng ditshenekegi, fungi, malwetse a dikokwanatlhoko le megare. Taolo ya malwetse le disenyi ke nngwe ya dilo tse di tlhwatlhwa-godimo mo temong ya mofeine, mme dikgato tsa taolo di tlhoka gore motlhagisi a dirise fela digasi dingwe tse di kwadisitsweng. Mananeo otlhe a digasi a tshwanetse go obamela ditlhokagalo tsa sekema sa IPW (Integrated Production of Wine), sekema sa boithaopi sa tlhokemelo ya tikologo se se tlhamilweng ke South African Wine Industry ka 1998. Sekema se obamela seêlô sa bokgoni jwa tlhokemelo ya tikologo sa boditšhabatšhaba mme se rotloetsa tsela e e tsweleditsweng ya go laola disenyi.
Batlhagisi ba gakololwa go dirisa ditaolo tse di fapaaneng tse di totanang le disenyi ka ditsela tse di farologaneng, sekai, dijatshenekegi tsa tlhago, metlhampepe (baba ba tlhago), entomopathogenic nematodes (ditshedi tse di jang ditshenekegi), fungi kgotsa kokwanatlhoko e e totanang le disenyi. Ditaolo tseno gantsi di diriswa mmogo le diboloyaditshenekegi tsa khemikhale (dingwe tsa tsona ke ditlhokakhabone).
Mokgwa o o gaisang wa go fokotsa disenyi le malwetse ke tshekatsheko ya ka metlha ya tshimo ya morara go batla matshwaô-tshwaetsegô. Batlhagisi gantsi ba dirisa basekaseki ba ba katisitsweng go boloka ditshenyegelo. Badiri bano ba katisitswe gore ba tsamae mo tshimong gangwe le gape mme ba batlane le matswao a ntlha a go nna teng ga ditshenekegi kgotsa a tshwaetsegô ya fungi.
Ka disenyi tse di fa tlase ga lefatshe letshwaô-tshwaetsegô gantsi ke kgolô e e bokoa, e e diragalang ka matoditodi mo karolong ya tshimo ya morara. Merara e tshola go le go nnye mme kgolô ya letlhogela e bokoa. Ka disenyi tse di fa godimo ga lefatshe, matshwaô a a bonalang bonolo ke diphatlhana mo matlhareng, matlhare le dingatana tsa terebe tse di tshwanologileng, mmogo le tshwaetsegô e tshweu ya mafura a a gatsetseng mo dingataneng.
Fa go sena matshwao a tshwaetsegô a a bonalang mo matlhareng, matlhogeleng kgotsa dingataneng tsa terebe, moitseanape wa jalô ya diterebe o tla epa mosima go lebelela medi ya dijalô tse di tshwaetsegileng. Ka motsi wa go alafa sejalô ka seboloyadisenyi se se tshelwang, sejalô se tla monyela seretibatsi mme se bolaye fungus kgotsa tshenekegi go tswa ka fa gare. Fa sebolayadisenyi se se gaswang se diriswa, sejalô se khurumetswa ka phetodi ya khemikhale mme ga fela tshenekegi kgotsa fungus e leka go senya sejalô, e tla swa.

Ditlamorago tsa Seemo sa Bosa mo Disenying

Go botlhokwa go itse gore seemo sa bosa le tikologo di tshameka karolo e kgolo mo go nneng teng ga malwetse le disenyi. Kwa dikgaolong tsa bongola jo bo kwa tlase, malwetse mangwe a fungi ga a itsege go le kalo, ka fa go le lengwe, ka bongola jo bo kwa godimo kgotsa pula ka setlha sa kgolô, malwetse mangwe a fungi a ka etelegiswa. Tikotshelô ya ditshenekegi gantsi e ya ka setlha mme, jaaka mo lobakeng lwa mealybug wa morara, e ikaegile ka themphoritšhara.
Mekgwa-tiriso ya viticulture e ka tshameka karolo mo taolong ya malwetse le disenyi:
Taolô e e siameng ya borulelo e ka fokotsa malwetse a fungi.
Nosetso e tshwanetse go dirwa fa tshimo e setse e le bongola, sekai, go sale gale mo mesong.
Ntlha e mela ya jalô e lebileng kwa teng le thulaganyo ya trellising di ka nna le seabe mo tokafatsong ya tsenyomowa le go omisa matlhare ka bonako morago ga pula.
Mefero e rebola bodulo le lefelo la tsadiso go disenyi tse eleng ditshenekegi.
Tiriso e e botlhaswa ya dibolayadisenyi e ka bolaya baba ba tlhago ba disenyi.

Translated By Sibongile Sonopo