Taolô-Mofero mo Tlhagisong ya Thoro

© Glenneis Kriel

Mefero e tlhoka go ka laolwa ka kelotlhoko go e thibela go baka ditatlhegelô tsa tlhagiso, ka go sira dijalo tsa gago le go gaisanela ditlabakelo tse di jaaka metsi le dikotla tsa mmu. Go retelelwa ke go e laola go tlile go etegetsa mathata a mofero ka go baka gore dipeo tsa mofero, tse di bitswang bobolokeko jwa peo, di oketsege ko mmung. Go bona dipholo tse di gaisang, balemirui ba tshwanetse ka jalo go jalela mo mmung o o phepa le go o tshola o le phepa setlha sotlhe.

Dikgatô tsa Tiriso-Motšhine

Mefero e ka ntshiwa ka seatla fa o na le molanyana wa thoro, fela seno e tlile go nna boima fa polase ya gago ele kgolwane. Balemirui gape ba kile ba be ba lema mafatshe a bona, mme bangwe ba santse ba dira jaana, pele ba jala go baakanya moalô wa jalô o o phepa. 

Fela temô e oketsa ditshenyegelo tsa lookwane, mme fa nako e ntse e tsamaya e baka kgogolego le go senya popegô ya mmu, selo se se nang le ditlamorago tse di maswe mo bokgoning jwa tsholo-metsi jwa mmu. Keletso ka jalo ke gore botoka go diriswe mekgwa-tiriso ya temô-somaredi e e thusang go aga tikologo ya tlhagiso e e itekanetseng ka go tokafatsa popegô ya mmu. 

Phiso

Balemirui ba kile ba be ba fisa lefatshe la thoro morago ga kotulo go bolaya mefero le ditshidinnye tse di bakang malwetse. Mokgwa-tiriso ka iketlo o nyeletse, ese fela ka ntlha ya no kotsi kwa molelo, fela gape ka ntlha ya temogo e e oketsegang ka ga seabe se se maswe se seno se nang le sona go ditshidinnye tsa mmu tse di dipoêlô. Gompieno, go fisiwa ga lefatshe go bonwa jaaka maiteko a bofelo mme a fela fa molemirui a itemogela mathata a a masisi ka mefero e e sa bolaweng ke dibolayamefero. 

Dibolayamefero

Temogo e e golang mabapi le ditlamorago tse di sa siamang mo itekanelong le popegô ya mmu ka ntlha ya go lema ka mogoma e isitse kwa go goleng ga temô-somaredi. Mo temô-somareding, balemirui ba leka go tila go fisa le go lema lefatshe, mme seno se ba dire gore ba ikaege thata mo dibolayamefero go ka laola mofero. Ka jalo ba ikaega thata mo dibolayamefero tsa pele ga tlhogiso go thibela melô ya dipeo tsa mofero tse di dutseng fela ka motsi wa jalô, le dibolayamefero tsa morago ga tlhogiso go tshola lefatshe le sena mofero morago ga jalô. 

Ditlamorago tse kgolo ka ga seno ke gore bolaodi jo bo bokoa bo ka isa kwa kganetsong ya dibolayamefero. Ka jalo tlhokomelo e tshwanelwa ke go tsewa go dirisa dibolayamefero ka go gagamala goya ka ditaelô le go dikolosa metshêlô ya dibolayamefero goya ka ditswakwa tsa tsona. Balemirui ba ka tsena mo mathateng fa ba dirisa sebolayamofero se le sengwe gangwe le gape ba sa tsenye sepe se sengwe mo magareng.

Fa khemikhale e ntšhwa e nna teng, balemirui ba tshwanetse gape go "sireletsa" bodiragatsi jwa ditlhagiswa tseno mme ba di dirise fela jaaka matsapa a bofelo. 

Ntle le seno, sebolayamofero se se tshwanetseng se tshwanelwa ke go diriswa mo dijalong tse di tshwanetseng, ka ge dibolayamefero di diretswe go ka laola mefero ya matlhare a a sephara, bojang kgotsa kopakopano ya bobedi jono. Dijalo, tse di jaaka korong, mmidi, momela, ngoba, le oats di tlile go ka swa fa o di gasa ka sebolayamofero sa bojang, fa dibolayamefero tsa matlhare a a sephara di tlile go bolaya dijalo tse di jaaka canola, sonobolomo le medics. 

Selo se se botoka se o ka se dirang ke go buisana le mogakolodi wa dikhemikhale go go thusa go tlhama lenaane la taolô-mofero le le ntle le go le fetofetola ka metlha go akaretsa ditsweletso tse di ntšhwa le maêmô a bosa a a farologaneng.

Translate by Nchema Rapoo