Tangs/Surgeonfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Tangs/Surgeonfish

Leina la Maranyane

Zebrasoma

Semeto

E ka nna 30 cm, fa bontsi bo ka nna 18 cm.

Ponalo

Mmele wa sebopego sa kgolokwe ka nko e mutsu.Mogatla wa mokwatla o mogolo mme o elela kwa morago. Di na le mmitlwa o bogale kwa morago jaaka di-surgeons tse dingwe. Mogatla wa kwa morago o mokhutshwane. Mmala o a farologana ka ga e ka nna borokwa jo bo lefitshwana go ya go mmala wa lephutshe oo galalelang.

Dikitsiso

Dibopiwa tsa Zebrasoma di na le mefuta e e 7 tse di farologaneng. Lelapa la Surgeonfish le bonwa kwa godimo ga mafika a corale di le ka bobedi kgotsa ka makoko a mannye. Di na le mebitlwa e di a dirisetsang tshireletso fa di ka tlhaselwa. – e ka nna le botlhole. Megatla ya mokwatla le wa kwa tlase mo go mmotlana e metona go feta mmele ya tsone. Di tsala ka go tshela mae mo metsing (Pelagic spawner).

Dijo

E fepa ka algae, detritus le plankton. E ja merogo fela (Herbivores).

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Spotted tang - Zebrasoma gemmatum
Yellow tang - Zebrasoma flavescens
Yellowtail tang - Zebrasoma xanthurum