Tamboti
Morukuru

© Roger de la Harpe

Leina

Morukuru [Spirostachys africana]

Thanololo

Ke setlhare se se tlhotlhoregang sa boleele jo bo mo magareng, lekwati la sona le makgwakgwa ka bontsho. Metsi a o kareng maši (latex) a setlhare seno a ka dira gore letlalo le matlho di babe thata. Gape, ga se dirisiwe jaaka logong go apaya jaaka le tsenya mokgotlelego mo dijong. Mofuta ono wa setlhare o na le boitshireletso jwa ka fa gare kgatlhanong le tiriso e e feteletseng ka batho.
Tholo e a se fula, fela batsomi ba nna kelotlhoko fa ba bua ditôtô kwa go nang le Mokuruku teng gore o seke wa senya dikarolwana tse di jegang tsa nama. Logong-teng le borokwa jo bo tseneletseng ka mela e e ntshofetseng e e dirang matshwao a mantle.
Logong-teng le dipatso le le methalo, nako dingwe ka go kukumoga go go bonalang. Ke logong lo lo thata, lo lo phatsimang ka monkgo monate o o maatla o itumedisa mme o le botshe go feta wa sandalwood.
Monkgo ono o o itumedisang o nkga lobaka lo lo leele morago ga go remiwa ga logong. Fenetšhara e e dirilweng ka logong lono e ka nkgisa phaposi e kgolo sebaka se se telele.

Dithunya

Morukuru o thunya ka Lwetse mme peo e e lekanang le nawa e gola mo dikgapapeong tse tharo tse di welang, fa di butswa ka Ngwanatsele, mo matlhareng a a omeletseng a a fo fatshe.
Fa o ka ema fa ditlhareng tsa Morukuru ka letsatsi le le mogote la Ngwanatsele, o ka utlwa modumo o o mogwasa mo matlhareng a a omeletseng, mme fa o lebelela ka bogaufi o tla bona go phatsima go le go nnye mo matlhareng ka ntlha ya dipeo tse di tlola-tlolang.
Kokoanya dingwe tsa ditlodi tseno mme o di bêyê mo papetleng mo letsatsing le le mogote, go tlola-tlola go a gakala. Bula e le nngwe ka kelotlhoko mme o tla fitlhela sebokwana se mmele wa sona o itsokêtsang go dira gore nawa e tlole. Ke sebokwana sa motoutwane o monnye o mosetlha wa Emporia melanobasis o o dulang dipeo fa di santse di le tala.

Ditiriso

O dirisiwa gantsi mo bobetling, fenetšhara ya mabono, go betla ka motšhini le go dira dibaga. Ka ntlha ya go sa nne ntsi ga setlhare seno le go senyega ga sone, logong lwa sone lo sewelo mme lo batlelwa fela go dira dibetlwa tsa go lebega le fenetšhara ya boleng jo bo kwa godimo.

Di fitlhelwa kae

Morukuru o fitlhelwa kwa naga-tlase ya Afrika Borwa le kwa Swaziland.

Dintlha Tlhagiso

Batsamaya-naga ba maloba ba ne ba lemoga ka maswabi ditlamorago tse di kotsi tsa mosi wa logong lwa Morukuru, o o neng o kgotlhela dijo tse di apeilweng ka molelo wa lona. Metsi a a botlhole a o ka reng maši a tswa mo lekwating le le ka mo gare mme a dirisiwa jaaka botlhole jwa go tshwara ditlhapi le jwa go tshasa tlhogo ya motsu.