Swift Tern

© Robert Hofmeyr

Leina

Swift Tern (Tern Ya Moetse O Mogolo)

Leina La Se-Latin

Sterna bergii

Lelapa

Rynchopidae

Boleele

50cm

Tulo

E phela ka ditlhotshwana kwa metsing a lobopo.

Modumo

Modumo o mogolo, wa go goeletsa ‘kreee-kreee’.

Tsadiso

E tsadisa mo felong go go bulegileng go le sephaphathi, Mopitlwe – Diphalane. Mosima o o seng boteng o a gwaiwa, nako dingwe o adilwe tlhaga e nnye. Mae a le 1-2 ka bosweu jo bo timpetseng, kgotsa mmala o o kopantshitseng botala jwa legodimo le jwa tlhaga kgotsa mmala o o bopinki jo bo tswapogileng, a tshwailwe ka dipatso tse di borokwa.

Thanololo Ya Dithuthugi

Dithuthugi di na le molongwana o o serolwana, dikarolo tsa mmele tse di fa godimo di dikôlô tse di ntsho le bosweu ka mafofa a a mmala o o serolwana le borokwa mo matlhakoreng.

Thanololo Ya Tse Kgolo

Ke Tern e kgolo, ka molongwana o mogolo mme o kobegile ga nnye ole serolwana. Seriba, matlhakore a sefatlhego, molala le karolo tsa mmele tse di fa tlase di tshweu. Maoto a mantsho mme dinao di na le magato a dinao a a serolwana.

Boemo

Senni se se tlwaelegileng.

Kanamo

E tlwaelegile kwa borwa jwa Kapa Bophirima mme gantsi e fitlhelwa ka ditlhotshwana go ya le lobopo, kgotsa kwa makopanelong a dinoka le mawatle. E tsadisa kwa Schaapen, Marcus, Dyer, Malgas, Meeuw le Robben Islands, fela eseng mo setlhakatlhakeng se le sengwe ngwaga ka ngwaga.