Surgeonfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Surgeonfish

Leina la Matshamekwane

Doctorfish

Leina la Maranyane

Acanthurus

Semeto

E ka nna 60 cm, fa bontsi bo ka nna 28 cm.

Ponalo

Mmele wa kgolokwe ya lee (Oval-shaped), mme o phaphathegile ka bophara. O bopamee go ya kwa mogatleng. Molomo o monnye. Mogatla wa kwa morago o tlwaelegile ka sebopego sa lunate-shaped.
Megatla wa kwa maragong e meleele thata. E na le dipara tsa mmitlwa e e leng bogale thata. MMitlwa e ke lone lebaka la go teelwa ga loone. Di bonala ka mebala e mentle mme e na le diphethene.

Dikitsiso

Lelapa la Acanthurus le na le mefuta ya dibopiwa dile 38. Di ka fitlelwa kwa mafikeng a Corale di fula bongwe ka bongwe kgotsa ka makoko. Di na ke mmitlwa e di e dirisetsang tshireletso mme e ka go tsenya botlhole.
Di kgona go fetola mmala ya tsone go tshwana lee mafelo a di tla bong di fula fa teng. Di ka nna bosetlhana fa dile gaufi le santa mme di galalele ka mmala fa dile mo godimo ga mafika a lewatle. Di tsala ka go tshela mae mo metsing.

Dijo

E fepa ka algae, detritus le plankton. E ja merogo fela (Herbivore).

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Black surgeonfish - Acanthurus gahhm
Palette surgeonfish - Paracanthurus hepatus
Sohal surgeonfish - Acanthurus sohal